O ne O ka Reng?
Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?
Bala Ditiro 10:9-48. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase mme o bo o torowa dilo tse di tlhaelang.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
O akanya gore Jehofa o ne a ruta Petere thuto efe?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ditiro 10:28, 34, 35.
O ka bontsha jang gore o ithutile sengwe mo thutong ya ga Petere fa o dirisana le batho ba lotso lo longwe kgotsa morafe o mongwe?
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 9 Ke eng se batho ba se kitlang le ka motlha ba se itse? Moreri 3:․․․
TSEBE 10 Lefatshe le filwe bomang? Pesalema 115:․․․
TSEBE 13 Gore re itumele, re tshwanetse go tshwenyega ka eng? Mathaio 5:․․․
TSEBE 19 Dithulaganyo di kgoreletsega leng? Diane 15:․․․
O Itse Eng ka Moatlhodi Samesone?
Bala Baatlhodi 13:1–16:31. Mme araba dipotso tse di latelang.
4. ․․․․․
E ne e le wa lotso lofe?
5. ․․․․․
O ne a golola Iseraele mo setšhabeng sefe?
6. ․․․․․
Boammaaruri kgotsa maaka? O ne a tshela morago ga moporofeti Samuele.
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke ka ntlha yang fa Samesone a ne a le maatla jaana?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Bahebera 11:32-34.
Ke karolo efe ya kgang ya ga Samesone e o ileng wa e itumelela thata mme ka ntlha yang?
◼ Dikarabo di mo tsebeng ya 22
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Ga go na dibopiwa tsa maoto a manè.
2. Ga go na dilo tse di gagabang.
3. Ga go na dinonyane.
4. Dana.—Baatlhodi 13:2-5.
5. Bafilisitia.—Baatlhodi 13:1.
6. Maaka.