LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/09 ts. 22-31
  • O ne O ka Reng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne O ka Reng?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?
  • Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
  • Tse di Tswang mo Makasineng Ono
  • O Itse Eng ka Moatlhodi Samesone?
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2009
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2009
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 12/09 ts. 22-31

O ne O ka Reng?

Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?

Bala Ditiro 10:9-48. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase mme o bo o torowa dilo tse di tlhaelang.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

O akanya gore Jehofa o ne a ruta Petere thuto efe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ditiro 10:28, 34, 35.

O ka bontsha jang gore o ithutile sengwe mo thutong ya ga Petere fa o dirisana le batho ba lotso lo longwe kgotsa morafe o mongwe?

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

Tse di Tswang mo Makasineng Ono

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 9 Ke eng se batho ba se kitlang le ka motlha ba se itse? Moreri 3:․․․

TSEBE 10 Lefatshe le filwe bomang? Pesalema 115:․․․

TSEBE 13 Gore re itumele, re tshwanetse go tshwenyega ka eng? Mathaio 5:․․․

TSEBE 19 Dithulaganyo di kgoreletsega leng? Diane 15:․․․

O Itse Eng ka Moatlhodi Samesone?

Bala Baatlhodi 13:1–16:31. Mme araba dipotso tse di latelang.

4. ․․․․․

E ne e le wa lotso lofe?

5. ․․․․․

O ne a golola Iseraele mo setšhabeng sefe?

6. ․․․․․

Boammaaruri kgotsa maaka? O ne a tshela morago ga moporofeti Samuele.

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke ka ntlha yang fa Samesone a ne a le maatla jaana?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Bahebera 11:32-34.

Ke karolo efe ya kgang ya ga Samesone e o ileng wa e itumelela thata mme ka ntlha yang?

◼ Dikarabo di mo tsebeng ya 22

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Ga go na dibopiwa tsa maoto a manè.

2. Ga go na dilo tse di gagabang.

3. Ga go na dinonyane.

4. Dana.—Baatlhodi 13:2-5.

5. Bafilisitia.—Baatlhodi 13:1.

6. Maaka.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela