LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/09 ts. 32
  • O ne A Emela Se a Se Dumelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne A Emela Se a Se Dumelang
  • Tsogang!—2009
Tsogang!—2009
g 12/09 ts. 32

O ne A Emela Se a Se Dumelang

◼ Ka paka ya bosheng ya malatsi a boikhutso, tlelase ya mophato wa ntlha ya ga Morgan wa dingwaga di le supa e ne ya abelwa go bala kgang nngwe ka Keresemose. Morgan o ne a gakolola morutabana wa gagwe gore o akanya gore moletlo ono ga o tsamaisane le Baebele. Morutabana wa gagwe ka bopelontle o ne a mo letla gore a tlhophe kgang e e neng e se kitla e tshwenya segakolodi sa gagwe.

Moragonyana ka nako ya fa go ne go tshwarwa moletlo wa sekolo wa go abiwa ga dikgele, lelapa la gaabo Morgan le ne la lalediwa go nna gone. Morgan o ne a gakgamala fa kwa moletlong ono a ne a newa sekgele ka ntlha ya go nna pelokgale go emela se a se dumelang. Fa a ne a bodiwa gore go tlile jang gore a nne le bopelokgale jo bo ntseng jalo, o ne a tlhalosa gore ene le ba lelapa la gaabo ba ne ba badile mo bukeng ya Ithute mo Morutising yo Mogolo ka dithuto tse di neng di bontsha ka botshelo le dithuto tsa Jesu Keresete.

Buka eno ya ditsebe di le 256, e e nang le ditshwantsho tsa mebalabala, e thusa batsadi gore ba nne le dipuisano tse di matlhagatlhaga le bana ba bone. E na le dikgaolo tse di jaaka “Lebaka La go Bo re Sa Tshwanela go Bua Maaka,” “A Diphathi Tsotlhe di Itumedisa Modimo?,” le “Se se Ka re Thusang go Fenya Dilo Tse di re Boifisang.”

Fa o batla go romelelwa khopi ya buka eno, tsweetswee tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e mo setlankaneng seno kgotsa mo atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela