“E Molemo Tota!”
◼ Ke kafa mokaedi mongwe wa patlisiso ya manyalo a ileng a tlhalosa buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ka teng. Banyalani bangwe ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba mo naya khopi ya buka eno mme ba mo tlhalosetsa gore go ithuta ga bone buka eno go ba thusitse gore ba ipaakanyetse lenyalo la bone.
Mokaedi wa patlisiso eno o ne a kwalela banyalani bano go ba lebogela “mpho e ntle” e ba mo e romeletseng. Go tswa foo o ne a bolela gore o solofela gore banyalani ba ba tshwanang le bone ba ka ruta ba bangwe gore “ke eng se se tlhokegang gore manyalo a nne a a nonofileng le a a itumetseng.” O ne a tlhatswegile pelo gore dikgatiso tse di jaaka buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng di ka thusa banyalani go rarabolola mathata a a ka tlhagang. Mokaedi yono o ne a lemoga gore banyalani bano ba ne ba thusiwa ke go bo ba na le tumelo e e nonofileng e bile ba ikaega thata ka thuso ya Modimo.
Mokaedi o ne a tlhalosa gore o ne a baya buka eno mo godimo ga deseke ya gagwe mme o ne a e bontsha baithuti ba gagwe fa ba ne ba mo kopa gore a ba neye kgakololo malebana le lenyalo. O ne a konela ka gore: “Ke ne ke ise ke ko ke bone buka eno mme e molemo tota!”
Buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng e ile ya solegela banyalani ba le bantsintsi molemo go ralala lefatshe. Le wena e ka go thusa gore o dirise melaometheo e e ka dirang gore botshelo jwa lelapa la gago bo itumedise le go feta.
O ka kopa khopi ya gago ya buka eno ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e bontshitsweng kgotsa kwa atereseng e e tshwanelang e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.
□ Kwantle ga go ipofa ke kopa khopi ya buka e e bontshitsweng fano.
□ Bontsha gore ka puo efe.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.