Ditiragalo Tsa Lefatshe
◼ “Selekanyo sa aese ya kwa [Arctic] e e gakologileng monongwaga [2007] se ile sa re gakgamatsa tota ka gonne ga se a ka sa feta direkoto tse di begilweng mo nakong e e fetileng fela, mme se ile sa di feta kgakala fela thata.”—MARK SERREZE, NATIONAL SNOW AND ICE DATA CENTER, U.S.A.
◼ Setlhopha sa bomankge ba Setheo se Sesha sa Ikonomi se fopholetsa gore “fa mongwe le mongwe a ne a dirisa dilo ka selekanyo sa batho ba kwa United States, go ne go tla tlhokega gore go nne le dipolanete tsa lefatshe di le 5,3 gore di ba tlamele . . . Fora le Boritane tsone di tla tlhoka dipolanete di le 3,1 Spain di le 3,0 Jeremane di le 2,5 mme Japane yone di le 2,4.”—REUTERS NEWS SERVICE, BRITAIN.
“A e Kotsi go Feta Kafa e Thusang ka Teng”?
Pego nngwe go tswa kwa Duke University Medical Center, kwa Durham, North Carolina, U.S.A. ya re: “Kalafi ya tshelo ya madi e go dirisiwang madi a batho mo go yone e kotsi thata mo balwetseng go feta kafa e ba thusang ka teng.” Dipatlisiso di ile tsa bontsha gore balwetse ba ba tshetsweng madi “ba tlhaselwa gangwe le gape ke go ema pelo, setorouko e bile ba swa thata” go feta batho ba ba sa tshelwang madi. Ka ntlha yang? “Ka gonne nitric oxide e e mo diseleng tse dikhibidu tsa madi e senyega ka bonako fela fa disele tseno di sena go tswa mo mmeleng.” Nitric oxide e botlhokwa thata go dira gore ditshika tsa madi di bulege mme seno se dira gore disele tse dikhibidu tsa madi di kgone go fetisetsa okosejene mo dithishung tsa mmele. Pego eo ya re: “Go bonala fa dimilione tsa balwetse di tshelwa madi a a sa kgoneng go fetisetsa okosejene kwa e tshwanetseng go ya gone.”
Go Lemalela Thelebishene Kwa Bhutan
Ka masome a dingwaga puso e nnye ya kwa Himalaya ya Bhutan e ne e sa batle thelebishene. Mme fa baagi ba bantsi ba sena go ngongorega gore ba ne ba sa kgona go lebelela motshameko wa kgwele ya dinao wa Sejana sa Lefatshe wa 1998, puso e ne ya letlelela dithelebishene mo nageng eo ka 1999. Pego nngwe go tswa kwa Bhutan e bolela gore, gone jaanong batho ba kgona go lebelela diteishene tsa thelebishene di le 40 mme ba setse ba rata thata difilimi tsa Hollywood le dikgangtswelelopele tsa thelebishene tsa kwa India. Go na le gore malapa a nne mmogo, a opele mmogo le go tlotla mmogo jaaka ba ne ba dira pele, ba kopana go lebelela thelebishene. Lokwalodikgang la letsatsi le letsatsi lwa The Peninsula la kwa Qatar lo begile gore mosadi mongwe o ngongorega ka gore ga a tlhole a nna le nako e e lekaneng ya go dira sepe se sengwe—tota le nako ya go rapela. O ne a re: “Le fa gone ke dikolosa leotwana lwa me lwa dithapelo, ke nna ke akantse ka thelebishene.” “Mme se batho ba le bantsi ba tshwenyegileng ka sone ke gore batho ba naga eno ba tla simolola go reka dilo tse ba sa di tlhokeng fela jaaka kwa dinageng tse dingwe. ‘Thelebishene le diphasalatso di tla dira gore batho ba eletse go nna le dilo [tse] ba sa kgoneng go di reka ka ntlha ya seemo sa bone sa itsholelo.’”
Modiri yo o Nnelang go Iteega Tsebe
Makasine wa New Scientist wa re: “Ka dinako tse dingwe go bonala botshelo jwa badiri ba ba berekang mo diofising e le go nnela go araba founo le go tsibogela dilo tse di ba itayang tsebe.” Babatlisisi ba ile ba fitlhela gore setlhopha sengwe sa badiri ba diofisi ba ba dirang tiro ya go buisana le batho ba kgona go bereka fela palogare ya metsotso e le meraro pele ga ba itewa tsebe ke sengwe. E re ka dilo tse di itayang motho tsebe di ka ja diura di le pedi tsa letsatsi lengwe le lengwe le o berekang ka lone, badiri bangwe ba diofisi ba ba nang le tiro e ntsi ba dirisa dikhomputara gore di ba thuse go bona gore ke dilo dife tse di leng botlhokwa le gore ke dife tse di seng botlhokwa. Dikakantsho tse mongwe le mongwe a ka di dirisang ke gore: “O bolelele motho boammaaruri, . . . mmolelele gore tota ga o na nako ya go bua le ene fa e le gore ga e yo” mme nna pelokgale go “tswala e-mail ya gago le founo ya gago gore o se ka wa amogela melaetsa ka yone go fitlha o fetsa tiro.”