Basha Ba Botsa Jaana . . .
Batsadi ba Me Ba A Kgaogana—Ke Eng Seo Ke Tshwanetseng go Se Dira?
“Mo bosigong bongwe rre o ne a re tsaya rona bana ka bonè jwa rona a tsamaya le rona go ya go re rekela aesekerime. E ne ya re ka tshoganyetso fela a bo a bua ka lentswe leo eseng la ka tlwaelo. O ne a re bolelela jaana: ‘Nna le mmaalona re bona dilo ka tsela e e sa tshwaneng, ka gone ke tlile go tsamaya. Nka nna ka boa mo go sone selemo seno.’ Ga go na ope wa rona yo o neng a bolela sengwe. O tshwanetse a bo a ne a setse a pakile dikgetsana tsa gagwe, ka gonne e ne ya re fa a sena go re folosa kwa gae, a seka a tlhola a tsena mo ntlong. Re ne ra tswa mo koloing mme re bo re ema mo tselaneng eo go tsenwang kwa yone mo jarateng re lela sa mma ijoo ka nako ya fa rre a ne a tswa a tsamaya.”—Tom.a
BATSADI ba ga Tom ba ne ba seka ba tlhola ba boelana. Mme lefa go ntse jalo, Tom o ne a sena tsela epe eo a neng a ka itse ka yone gore a ba ne ba tlile go boelana kana nnyaa.
Batsadi ba ga Randy, kafa letlhakoreng le lengwe, ba ne ba kgaogana ka dinako di le dintsi go feta kafa a ka kgonang go gakologelwa ka gone. “Papa o ne a atisa go tsamaya ka sebaka gongwe sa kgwedi e le nngwe kana di le pedi ka nako,” o gakologelwa jalo. “Mme e bo e re morago ga moo a bo a boela morago, mme dilo di ne di atisa go nna botoka ka nakwana e e rileng. Mme e bo e re morago ga moo, ka tshoganyetso fela, ntlo e bo e re a o ne o mpeile motho gape.”
Se se utlwisang botlhoko ka tlhalo ke gore mo go yone o ikutlwa gore jaanong go fedile. Mme lefa go ntse jalo fa batsadi ba gago ba kgaogane fela, mme o santse o sa itse gore a ba tlile go tlhalana kana nnyaa, tlhobaelo eo e ka nna e e tshwenyang thata. Batsadi ba le bantsi, ba ba ntseng jaaka ba ga Randy jaana, ba a boelana mme ba bo ba boa ba kgaogana gape morago ga moo. Go ya ka buka ya Divorced Families, go lekanyediwa gore 50 lekgolong ya dikgaogano di felela bobotlana ka poelano ya ka nakwana. Mme lefa go ntse jalo jaaka fa bomankge bao ba batlisisang ka tlhalo ebong Judith Wallerstein le Sandra Blakeslee ba bolela: “Gantsi tlhalo e etelelwa pele ke dikgaogano di le mmalwa, tseo nngwe le nngwe ya tsone e ka nnang ya lebega e le ya makgaolakgang mme lefa go ntse jalo go bo go sa diragale gore e nne ya makgaolakgang. Dikgaogano tseno di ka nna tsa tlhakanya bana tlhogo mme tsa ba dira gore ba lebelele gore go tlile go nna le poelano.”
Mafoko a a reng, ‘Nka nna ka boa,’ a lebega a tletse tsholofelo thata. Mme lefa go ntse jalo go nna le dipotso tse di tlhorontshang tseo di salang di ntse di eme. O ipotsa gore: ‘A batsadi ba me ba tlile go felela ba tlhalane? Ke tlile go lwantshana jang le maikutlo ao a nkgakgautlang gone jaanong jaana?’
Go Kgabaganya mo Ledimong
Kwa tshimologong, o ka nna wa iphitlhela o ikutlwa o hutsafetse thata, o lapile, o sa kgone go tlhoma mogopolo mo go sepe, kana le esita le go tlala tšhakgalo ka dinako tse dingwe. Kana o ka nna wa ikutlwa o gamaregile fela. Dilo tseno tsotlhe ke ditsela tse di tlwaelegileng tseo o ikutlwang ka tsone fa o le mo boemong bongwe jo bo sa tlwaelegang ka tsela e e feteletseng—eleng joo bo diragalang gantsi thata mo metlheng eno. Lemororo Lefoko la Modimo le kgothaletsa banyalani gore ba nne mmogo le gore ba rarabolole mathata a bone, tsela eo lefatshe le lebang lenyalo ka yone e senyegile mo go maswe. (1 Bakorintha 7:10-16) Gompieno, ka dinako tse dingwe selekanyo sa gore lenyalo le ka nna le katlego ga se fete 50 lekgolong. Jaaka fa Bibela e sa bolo go bolelela pele, motlha ono wa rona o nnile le kwelotlase e e maswe thata mo ‘loratong lwa tlholego’ loo lo kileng lwa bo go utlwiwa ka lone fela mo malapeng.b—2 Timotheo 3:3.
O ka berekana jang le seno? Bothata joo o leng mo go jone bo ka tshwantshiwa le ledimo mo botshelong jwa gago. Fa o akanya ka jone ka tsela e e ntseng jalo seo se ka go thusa ka ditsela di le pedi. Ya ntlha, ga go na ledimo lepe leo le nnelang ruri. Go feretlhega maikutlo goo o ikutlwang o na le gone jaanong go tlile go kokobela fa nako e ntse e tsamaya, jaaka fa go ntse ka madimo otlhe. Mme ya bobedi, o ka kgona go itirela tsela eo o ka kgabaganyang ledimo leno ka yone. Ga go tlhokafale gore le go ‘nwetse.’ Mme go na le moo fela jaaka fa sekepe seo se tsogetsweng ke ledimo se tshwanelwa ke gore se fapoge mafika, go na dikotsi dingwe tse di tshwanang le mafika tseo di ka bakang bothata jwa mmatota. A re tlotleng ka di sekae tsa tsone.
Ditebelelo Tseo Eseng tsa Boammaaruri
Nngwe ya dikotsi tse di ntseng jalo e tla nna go ititaya sehuba o re o tla dira gore batsadi ba gago ba boelane. Anne o gakologelwa jaana: “Morago ga ba sena go kgaogana, batsadi ba me ba ne ba santse ba atisa go iphokisa phefo le rona ba le mmogo ka dinako tse dingwe. Nna mmogo le morwadiarre re ne re atisa go sebelana re re, ‘A re tabogele kwa pele mme re ba tlogela ba le mmogo.’ Mme lefa go ntse jalo,” o bolela jalo ka kutlobotlhoko, “ke akanya gore seo ga se a ka sa bereka. Ga ba a ka ba bo ba boelana le ka motlha ope.”
Jaaka fa Diane 13:12 e bolela e re: “Cholohèlō e e diegisiwañ e tle e ñodiise pelo.” Gakologelwa, ga o kake wa laola seo batsadi ba gago ba se dirang. Ga se wena o dirileng gore ba kgaogane, mme ga go kake ga kgonagala ka gope gore o tsenelele mme o bitiele lenyalo la bone mo le gagogileng teng.—Bona gape le Diane 26:17.
Kotsi ya Letlhoo
Go tlala bogale le letlhoo e ka nna “mafika” a a diphatsa le go feta ao o tla lebanang le one mo ledimong leno. Tom o gakologelwa kafa a neng a ikutlwa ka gone fa a ne a na le dingwaga di le 12: “Ke ne ka simolola go galefela papa thata. Ga ke rate go ka dirisa lefoko ‘letlhoo,’ mme lefa go ntse jalo ke ne ke mo tshwere ka pelo mo go botlhoko. Ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore o ne a re tlogelelang fa e le gore o kgathala ka rona. Mme ke akanya gore ke ne ke ipolelela mo pelong gore ke sebaka sa me sa gore ke mmontshe kafa ke ikutlwang ka gone.”
Go kgaogana mo lenyalong ke sewelo go diragalang e le tshwetso eo e dumalanweng ke bobedi; ka gone ka tlholego fela motsadi yo mongwe a ka nna a lebega e le ene a leng molato go feta yo mongwe mo matlhong a gago. Ebile go ka nna ga diragala gore mongwe wa batsadi ba gago o tlodile molao wa Modimo oo o leng malebana le go ikanyega go molekane wa lenyalo. (Bahebera 13:4) Mme lefa go ntse jalo, o tshwara jang motsadi yoo o lebegang e le ene a leng molato go phala yo mongwe? A o tshwanetse go ila motsadi yoo kana o leke go busolosetsa motsadi yoo o diretsweng molato?
Santlha gakologelwa gore go kgaogana ga se gantsi go nna teng fela ka ntlha ya gore motsadi yo mongwe a le “bosula” thata mme yo mongwe ene a le “molemo” thata. Gongwe batsadi ba gago ga ba ise ba go bolelele sengwe le sengwe malebana le lenyalo la bone kana malebana le kafa le ileng la thubega ka gone; ba ka nna ba tswa ba sa tlhaloganye seo ka bobone. Ka gone tila go nna o atlhola boemo joo o sa itseng dintlha tsotlhe tseo di leng malebana le jone. (Diane 18:13) Ka lesego, Modimo ke one Moatlhodi wa dikgang tsotlhe tse di ntseng jalo. Ga a go tlhoma gore o nne moatlhodi wa batsadi ba gago kana mootlhai wa bone. Mme abo seo se go rola morwalo jang ne! Ke mang wa rona yoo tota a neng a ka kgona go rwala boikarabelo jwa mofuta oo?—Baroma 12:19.
Gone ke boammaaruri, go boima go ganana le go tlala bogale; mme ke selo sa tlholego fela gore o bo o ikutlwa o utlwile botlhoko thata gone jaanong jaana. Mme lefa go ntse jalo go leka go nna o neneketsa moya wa bogale le wa go ipusolosetsa go ka nna ga tsenya botlhole mo bothong jwa gago ka iketlo. Bibela e bolela gore “pelo e e thethebetseñ hèla ke botshelō yoa nama.” Eleruri, pelo e e thethebetseng fela ga se e e tletseng ka bogale. Ga go gakgamatse go bo Bibela e re laela gore re ‘bakele bogale, re lese kgakalo.’ (Diane 14:30; Pesalema 37:8) Mo godimo ga moo, taelo ya Bibela ya gore o tlotle batsadi ba gago e dira le esita le mo goreng o tlotle batsadi ba gago bao ba go swabisitseng.—Luke 18:20.
Ka gone Tom o ile a lwa kgatlhanong le go tlala bogale ga gagwe. Jaanong o bolela jaana: “Go motlhofo gore o tshware motho ka pelo o bo o ithaya o re, ‘Ke ene o phoso. Ke tshwanetse gore ke mo tlhoe.’ Mme lefa go ntse jalo ke ne ka simolola go ipotsa jaana, ‘A tota ke selo se se tshwanetseng?’ Mme ke ne ka bona gore, nnyaa, ga se selo se se tshwanetseng. Jaaka Mokeresete, ga o a tshwanela go tshwara batho ka pelo.”
Gone ke boammaaruri, fa Bibela e re re tlogele bogale, ga e bolele gore o itire jaaka ekete o ka re ga o a tlala bogale. Fa e le gore seo batsadi ba gago ba se dirileng se go utlwisitse botlhoko, ke ka ntlhayang fa o sa leke go buisana le bone ka seo, o ba bontsha ka maitseo kafa o ikutlwang ka gone?—Bona Diane 15:22, 23; 16:21.
Go Iphitlhela O Gogelwa Kafa le Kafa
‘Mme lefa go ntse jalo nka berekana jang le boikutlo jono jwa go ikutlwa ke gogelwa kafa le kafa fa gare ga batsadi ba me?’ o ka nna wa botsa jalo. Leno e ka nna ya nna “lefika” le le bolalome thata leo o tshwanelang go le fapoga. Randy o gakologelwa jaana: “Seo ke neng ke se boifa thata malebana le go etela papa e ne e le gore mama o ne a atisa go ntlhoma dipotso tse dintsintsi morago ga loeto longwe le longwe. Mme eleruri o ne a bua dilo tseo di leng kgatlhanong le ene. Ke ne ke atisa go bolela jaana, ‘Ao tlhe, Mama! Ke ka ntlhayang fa o dira jaana? Kgaogana le nna!’ Mme o ne a galefa le go feta mme a bo a mpateletsa gore ke arabe dipotso tsa gagwe.”
Ka dinako tse dingwe batsadi ba dirisa bana ba bone gore ba ba isetse melaetsa e e bogale e e tswang mo go yo mongwe e ya kwa go yo mongwe kana le eleng go disana! Mmè yo mongwe o ne a batla go itse gore monna wa gagwe yoo a neng a kgaogane le ene o ne a na le madi a a kana kang. Ka gone ene le morwawe yo o nang le dingwaga di le lesome ba ne ba bula fensetere ka kgang kwa ntlong ya rre yoo, mme ke fa mosimane yoo a thobela ka yone gore a bone buka ya tšheke ya ga rragwe ka bokukuntshwane. “Re tla mo tshwara!” mosimane yoo o ne a bolela jalo a bonala a tletse boitumelo.
Ga se selo se se siameng gore batsadi ba gago ba leke go go dirisa jaaka selo seo ba se dirisang go ipusolosetsa ka sone. Mme lefa go ntse jalo gakologelwa gore maikutlo a bone a feretlhegile ka tsela e e boitshegang. Ka gone nna pelotelele thata mo go bone ka moo o ka kgonang ka gone. Buisana le bone. O ka nna wa rata go bolela jaana, tota, ‘Mama le Papa, ke a lo rata ka bobedi jwa lona. Ka gone tswee tswee lo seka lwa ntirisa gore ke utlwise yo mongwe wa lona botlhoko.’ Seno ga se bolele gore o seka wa rata go utlwa sepe, o gana o isa molaetsa ope o o tswang mo go yo mongwe o ya kwa go yo mongwe. Mme lefa go ntse jalo fa e le gore batsadi ba gago ba tlala tšhakgalo le go batla go ipusolosetsa, ke nako ya gore o tswe fa gare ga bone.—Diane 26:17.
Ka tsela e e tshwanang, e tla bo e le boitimokanyi go lwantsha motsadi yo mongwe le yo mongwe gore o ke o bone molemo ka namana, o bolela dilo tsa go tshwana le tseno: “Ke batla go ya go nna le Mama. Ka gale o ntetla gore ke dire seo ke se batlang.” Morago ga go kgaogana, batsadi ba ka nna ba ikutlwa ba na le molato o mogolo ka ntlha ya go tlalelwa mo maikutlong goo ba go baketseng bana ba bone mme ba bo ba ba ngaparela jaaka lenala le monwana. Basha bao ba itseng maatla ao ka go dira jalo ba nang le one mo batsading ba bone ba ka nna ba raelesega go a dirisa. Mme lefa go ntse jalo kwantle ga pelaelo ga o batle go nna motho yo o bolalome.
Lefa go ntse jalo, go na le go le gontsi goo o ka go dirang gore o kgone go falola ledimo leno go feta go tila maje fela. Setlhogo sengwe sa mo isagweng se tlile go tlotla ka dilo dingwe tseo o ka di dirang tseo di tla go thusang gore o kgone go atlega mo go seno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mangwe a maina ano a fetotswe.
b Malebana le dilo tseo di bakang gore lenyalo le thubege, bona setlhogo se se reng “Why Did Mom and Dad Split Up?” (Ke Ka Ntlhayang Fa Mama le Papa Ba Kgaogane?) mo tokololong ya Awake! ya October 22, 1987. Bona gape le ditlhogo tsa “Young People Ask . . . ” (“Basha Ba Botsa Jaana . . .”) mo ditokololong tsa December 22, 1987, le May 22, 1988.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 16]
Bothata joo o leng mo go jone bo ka tshwantshiwa le ledimo mo botshelong jwa gago. Fa o akanya ka jone ka tsela e e ntseng jalo seo se ka go thusa gore o kgone go bo fenya, ka gonne ga go na ledimo lepe leo le nnelang ruri
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 17]
Go boima go ganana le go tlala bogale; mme ke selo sa tlholego fela gore o bo o ikutlwa o utlwile botlhoko thata gone jaanong jaana. Mme lefa go ntse jalo go leka go nna o neneketsa moya wa bogale le wa go ipusolosetsa go ka nna ga tsenya botlhole mo bothong jwa gago ka iketlo