Tsela Eo Babadi ba Arabelang ka Yone Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang
BANGWE ba ne ba akanya gore ba a bo ba sa le bona. “Ke ne ke akanya gore ba batla go re neela kgakololo malebana le tsela eo re itshwarang ka yone,” go ne ga bolela jalo mosetsana mongwe yo o nang le dingwaga di le 15 yo o bidiwang Shereda. Ba bangwe e ne e le go tsenwa fela ke tsebetsebe. Lekawana lengwe la kwa Borithane le le nang le dingwaga di le lesome le le bidiwang Timothy le gakologelwa jaana: “E ne ya re fa ke lemoga gore ke tlile go tshwanelwa ke gore ke dule ke se gaufi le mama le papa, ke ne ke sa batle go tsamaya.”
Ke eng seo se neng se baka tlhoabelo eno? E ne e le kitsiso eo e neng ya dirwa ka Labotlhano mo mosong wa Dikopano tsa Kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa tsa ka 1989 tsa “Poifomodimo”a ya gore basha ba ba nang le dingwaga tse di leng magareng ga di le 10 le 19 ba ne ba tshwanela go dula mo karolong nngwe e e kgethegileng. Poifo epe eo ba neng ba na le yone e ne ya fela fa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo e ne e gololwa mme e bo e neelwa basha botlhe bao ba neng ba le teng mahala. Ba ne ba ikutlwa jang?
“Ke ne ke feletswe ke mafoko; ke ne ka tshologa dikeledi mo sefatlhegong.”—Mike.
“Ke ne ka gelela dikeledi fa ke ne ke bona tshedimosetso e e molemolemo e e mo bukeng eno. Lebaka fela la gore ke mpho e e tswang kwa Setlhopheng Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e e yang go basha e ne e le sekai fela sa kafa ba amegileng ka gone ka rona.”—Margie yo o nang le dingwaga di le some le borobedi.
Naomi yo o nang le dingwaga di le lesome, yoo rraagwe a suleng malobanyana fela jaana, o ne a itumelela go amogela buka eno ka mo go kgethegileng. O gakologelwa jaana:
“Eno e ne e le kopano ya ntlha e kgolo eo lelapa la rona le ileng la ya kwa go yone papa a seo. Ke ne ke utlwile botlhoko thata mo letsatsing la ntlha. Mme lefa go ntse jalo ke ne ka itumela go lemoga gore bakaulengwe mmogo le Rraarona wa selegodimo, ebong Jehofa, ba a re tlhokomela go fitlhela re boa re amogela papa gape mo lefatsheng le lesha.”
Buka eno e tlotla ka mo e ka nnang sephatlo sa ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ,” di sobokantswe, tseo di ileng tsa tlhaga mo makasineng wa Awake! (Tsogang!) fa esale go tloga ka 1982 go ya go fitlha ka 1989. E na le dikgaolo di le 39, tseo di kgaogantsweng go ya ka ditlhogo gore e nne dikarolo di le lesome. (Bona bokoso e e mo tsebeng e e latelang.) Mosola wa go nna le tshedimoseso eno yotlhe mo bukeng e le nngwe fela e potlana ke eng? Mosha mongwe o tlhalosa jaana: “Gantsi ke ne ke itse gore ke tshwanela go leba ditlhogo tsa mo nakong e e fetileng tsa ‘Basha Ba Botsa Jaana . . .’ gore di nthuse mo bothateng jo bo rileng, mme lefa go ntse jalo go ne go lebega ke seke ke bo ke kgona go dira jalo. Jaanong go na le buka eo nka kgonang go e tsaya ka nako le fa e ka nna efe go e dirisa gore e nkgoge.”
Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang gape e na le ditshwantsho tseo di ikuelang ka tsela e e maatla. “Ke rata ditshwantsho tsa yone tse di nang le mmala,” go bolela jalo Heather yo o nang le dingwaga di le 11. Ditshwantsho tsa yone di bontsha basha ba go tswa lefatsheng lotlhe. Mosha mongwe wa kwa Canada o ne a bolela jaana: “Ditshwantsho tsa yone di kgatlhisa thata mme di tlhagisa sentle tsela ya ka mmatota ya kafa re ikutlwang ka gone fa re lebane le bothata.” Ga go gakgamatse, he, go bo basha ba le bantsi ba ile ba simolola go e bala yotlhe ba sa tlhole ba re ka moso.
‘Ke Ne Ke Sa Kgone go Tlogela go E Bala’
Mosetsana mongwe yo o nang le dingwaga di le 17 o ne a kwala jaana, mo pampiring ya hotele ya go kwalela:
“Re saletswe ke sekgala se se lekanang le sa go tswa kwa kopanong ya rona eo re tswang kwa go yone gore re fitlhe kwa gae mme re santse re tlile go tsaya diura di le nnè gore re fitlhe. Ke setse ke feditse go bala dikgaolo di le lesome.”
Ba bangwe ba ne ba gapiwa kgatlhego ke diteng tsa yone:
“E ne ya re fa ke bala diteng tsa yone, go ne go ntse jaaka ekete o kare ke ipona mo seiponeng. Dipotso di le dintsi e ne le tseo ke neng nkile ka di ipotsa ka nako nngwe e e rileng.”—Kathy yo o nang le dingwaga di le somethataro.
E ile ya gapa le esita le “bao ba sa rateng go bala”:
“Ga ke rate go bala go le kalo, mme lefa go ntse jalo buka eno e monate mo eleng gore fa ke simolola go e bala, ke palelwa ke go e baya fa fatshe. Ke badile mo e batlang e le buka eno yotlhe mo malatsing a le mararo.”—Jennifer yo o nang le dingwaga di le sometlhano.
“Ga ke motho yo o balang ka tsela e e molemolemo go le go kalokalo ebile ga ke bale thata go le kalo. Fa ke ne ke goroga kwa gae go tswa kwa kopanong, ke ne ke lapile mme ke ne ke sa kgone go nna ke budile matlho. Mme lefa go ntse jalo ke ne ka nna ka bulabula ditsebe tsa buka eno, ke ne ka simolola go e bala, mme ka bala kgaolo yotlhe! Fa esale go tloga ka nako eo, ke ile ka bala kgaolo e le nngwe letsatsi le letsatsi, go tla go fitlha mo mantsiboeng ano—ke badile di le pedi!”—Tiffany yo o nang le dingwaga di le somesupa.
Mme go ne go na le bao ba neng ba etsaetsega go sekae:
“Ke ne ke ithaya ke re ke mogolwane go sekae mo dikarolong dingwe tsa buka eno. Ka gone ke ne ka simolola go bala Karolo 6, eleng ‘Tlhakanelo-Dikobo le Maitsholo A A Siameng.’ E ne ya nthusa mo go maswe gore ke kgone go dira ditshwetso dingwe tse dikgolo. Ga go na ope yo o leng mogolo thata mo bukeng eno!”—Sabrina yo o nang le dingwaga di le some le borobonngwe.
Eleruri, ba le bantsi fa ba fetsa go e bala, ba ikutlwa gore go e bala gangwe ga go a lekana:
“Ke kolobeditswe ngogola, mme lefa go ntse jalo dilo di ne tsa nna makgwakgwa, mme ke ne ka hutsafala thata. Nkile ka bo ka ngwega mo gae gangwe! Ka gone e ne ya re fa ke amogela buka eno e ntšha, ke ne ka ikutlwa gore Jehofa o itse seo ke neng ke se tlhoka eleruri. E monate thata! Ke setse ke e badile gabedi.”—J.S.
“Ke kwalolola lekwalo lengwe le lengwe fela kafa le ntseng ka gone ke le kwalololela mo teng ga buka eno e le gore seo se ke se ntirele dilo motlhofo fa ke boela ke bala buka eno lekgetlo la bobedi. Ga ke tlatse ka metsi: Buka eno e mphetotse motho yo o botoka.”—Aida yo o nang le dingwaga di le some le borobedi.
‘Ga Go Le Ka Motlha O Ikutlwang Gore O Laelwa Seo O Tshwanetseng go Se Dira’
Go setse go fetile sebaka se se fetang ngwaga fa esale ka nako ya fa go ne go gololwa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang, mme lefa go ntse jalo go santse go tswelwa pele go amogelwa dikakgelo tsa go bontsha kanaanelo. Bontlhanngwe jwa lebaka la go bo e na le katlego kwantle ga pelaelo ke ka go bo lemororo e lebisitswe go basha, buka eno ga e bue dilo ka tsela ya bongwana; kana gore e kwadilwe ka tsela eo e dirang gore ba ba e balang ba ikutlwe gore ba a rerelwa. Basha bangwe ba tlhalosa jaana:
“Buka eno ebile e na le moo e tshegisang gone. Ereka e tshegediwa ke Lefoko la Modimo, eleng Bibela, e gaisa makasine ope wa basha kgakala.”
“Ga go na le ka motlha ope o ikutlwang gore o laelwa seo o tshwanetseng go se dira; go na le moo, o itsisiwe ka dilo di le mmalwa tseo di ka diragalang mmogo le ditlamorago tsa nngwe le nngwe ya dilo tseo. Tsela eo Jehofa a lebang dilo ka yone ka metlha e bontshiwa ka phepafalo mmogo le go tshegediwa ka Dikwalo.”
Ba le bantsi ba ile ba bontsha kafa ba anaanelang tsela eo e kwadilweng ka yone ka gone le kafa e bontshang temogo ka gone malebana le kafa ba ikutlwang ka gone.
“Ga go na le ka motlha ope rre a kileng a mpontsha ka tsela epe gore o a nthata, mme lefa go ntse jalo kgakololo eo eleng mo bukeng eno e lebega jaaka e e tswang kwa go rre mongwe yo o lorato yo o re neelang kgakololo gore re ke re kgone go bona molemo.”—Stefano, Italy.
“Tsela eo ke ileng ka ikutlwa ka yone ka bonako fela e ne ya nna ya gore ke ne ke ikutlwa jaaka ekete ke buisana le mongwe yo o nkitseng sentle mme ke ne ke sa ikutlwe jaaka motho yoo o balang selo se se gatisitsweng.”—Myriam, Italy.
“Dikai di le dintsi tseo di dirisitsweng e ne e le tseo di leng gaufi thata le nna. Ke ne ke kgona go bona sentle mo ke tsenang gone mo go tsone.”—Mosetsana mongwe yo mosha.
“Ke a itse gore ga go na basha bape mo Setlhopheng se se Laolang. Lefa go ntse jalo, sotlhe seo lo se kwalang ka basha se boammaaruri eletota; go ntse fela jaaka ekete Jehofa o buisana le wena ka sebele sa gagwe ka tlhamalalo.”—Aubree yo o nang le dingwaga di le sometlhano.
Ga Se ya Basha Fela
Dikgaolo di le dintsi di neela temogo malebana le mathata ao Bakeresete ba ba godileng ba lebanang le one, eleng mathata a a ntseng jaaka go nna ditlhong, go hutsafala thata, go jewa ke bodutu, le go tlhoka mmereko. Ka gone, ga go gakgamatse go bo bagolo ba le bantsi le bone ba ile ba bontsha kafa ba anaanelang buka eno ka gone. Mosadi wa modihedi mongwe yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa o ne a bolela jaana:
“Nna le monna wa me ga re na bana bape bao e leng ba rona ka namana. Lefa go ntse jalo, ke ile ka fitlhela gore tsela eo dintlha di neelwang ka gone e botlhokwa le mo go rona. Buka eno tota e ka bo e ile ya bidiwa ‘Dipotso Tse Batho Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo!’”
Bagolo ba bangwe ba dumalana le seo jaana ka boitumelo:
“Go na le diele, dipolelwana, le melaometheo tseo di ileng tsa nna mosola thata mo botshelong jwa me ke le mosha wa dingwaga di le 41.”
“O ne o ka seke o akanye gore buka eo e kwaletsweng basha e ne e ka thusa mosadi yo o nang le dingwaga di le 61. Mme le fa go ntse jalo e nthusitse gore ke akanye ka tsela e e tshwanetseng malebana le nako e e fetileng mmogo le gore ke tlogele go tshwara batsadi ba me ka pelo eleng seo ke neng ke ntse ke se dira.”
“Ke lemogile gore ‘batho ba ba godileng ba a botsa’ le bone. Ga go na sepe mo dingwageng tsa me tse ditelele ke le Mokeresete seo se ileng sa nthusa go e feta gore ke itlhaloganye. Ebile re sa le foo, kana ke mosha wa dingwaga di le 74.”
Gape go ilwe ga amogelwa makwalo a a tswang kwa batsading ba le bantsi ba Bakeresete:
“Ke na le basha ba le bararo, mme buka eno ke karabo ya seo ke ntseng ke se rapelela. Re a leboga go bo lo re thusa jaana. Satane o leka sengwe le sengwe go ka gapa bana ba me. Mme lefa go ntse jalo jaanong ke tlhomeletswe gore ke dire bojotlhe jwa me ka matsetseleko, ke lebogela buka eno e e tlileng ka nako e e tshwanetseng.”
“Tsamaiso eno e a re onatsa letsatsi lengwe le lengwe. Ngwana wa me wa gwafejana o na le dingwaga di le 12, mme kgatlhego ya gagwe mo dilong tsa semoya e ile ya ya kwa godimo eletota mo ngwageng e e fetileng. Ke tlhoka mafoko a go lo bolelela kafa go leng molemo ka gone go mmona gore o berekela gore a kolobediwe ka ntlha ya kopano mmogo le buka eno e ntšha.”
“Ke ne ka gelela dikeledi fa bana ba me ba ne ba amogela dikaelo tsa bone. Ga go na mekgatlho epe e mengwe ya bodumedi eo e amegang thata jaana ka basha ba one!”
“Ke motsadi a le mongwe, mme ka dinako tse dingwe ke ikutlwa ke boifa tota ebile ke sa tshwanelege ka mo go lekaneng jaaka motsadi. Morwa wa me yo mogolo mo go bone botlhe o na le dingwaga di le 11 mme o na le morutabana yoo a sa mo rateng. Abo go ne go gomotsa jang ne go bona kgaolo nngwe mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang eo e neng e le malebana le boemo joo!”
Ba bangwe ba ne ba supela kafa karolo e e bidiwang “Dipotso tsa Puisano” eo e tlhagang kwa bokhutlong jwa kgaolo nngwe le nngwe e nang le katlego ka gone:
“Re bala buka eno mmogo jaaka bontlhanngwe jwa thuto ya rona ya ka metlha ya Bibela ya lelapa. E re dirile gore re atamalane rotlhe. Ke lemoga gore bana ba ikutlwa ba phuthologile mo dipotsong tseno, mme eleruri e dira gore go ntsha se se mo mafatlheng seo se ka tswang se se motlhofo go se ntsha go itlele fela.”
Dikarabo Tseo Eleruri Di Nang le Tharabololo!
Gone ke boammaaruri, fa o batla go bona kafa buka eno eleng botlhokwa ka gone o ka bona seo mo go nneng mosola ga yone go ka dirisiwa eseng mo go tumeng ga yone. Ka mafoko a mangwe, a dikarabo tsa yone ruri di na le tharabololo? Basha ba le bantsi ba dumela ka matlhagatlhaga gore di na le tharabololo:
“Pele ga fa ke ne ke bala buka eno, ke ne ke ya kwa Holong ya Bogosi ka go goga dinao fela ke tsamaya le mmè mmogo le morwadiarre ka gonne ke ne ke se kake ka sala ke le esi kwa gae. Ke ne ke tshela ka bolotsana. Jaanong dilo di fetogile eletota mme di tsamaya ka tsela e e botoka.”
“O ka nna wa tlogela boammaaruri, mme lefa go ntse jalo jone ga bo go tlogele. Ka nako ya fa ke ne ke na le dingwaga di le 27, ke ne ka leka go boela kwa Holong ya Bogosi—ke le esi, ke boifa, ebile ke ikotlhaya. Ke ne ke na le mekgwa e e maswe ka mo go masisi mme ke ne ke akanya gore Modimo o ka seka wa bo wa intshwarela. Mme lefa go ntse jalo kgaitsadi mongwe yo o godileng o ne a nnaya buka e ntšha ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang. Ke ne ka fitlhela gore e tlotla ka mathata otlhe ao ke nang le one ebile e bolela kafa motho a ka berekanang le one ka gone. Ke ne ka lela. Ga ke kgone go ka bolela kafa ke anaanelang buka eno ka gone. Dikarabo tse di nang le tharabololo—mme abo di na le yone jang ne!!!”
“Buka eno e ntirile gore ke je tlhogo ka tlhoafalo. La ntlha tota ke ne ke sa itseye jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke na le mosetsana yoo ke neng ke ratana le ene. Ke ne ke tlhola ke ebela le batho ba lefatshe. Le go utswa ebile ke ne ke tlhola ke utswa. Mme lefa go ntse jalo morago ga fa ke sena go bala buka eno, ke ne ka lemoga gore ke ne ke dira selo se se sa siamang mo botshelong jwa me. Ke ne ka rapela Jehofa gore a intshwarele mme ka mo lebogela go bo a nneile buka eno e e molemo thata e ntšha.”
Tseno ke dikai di sekae fela tsa makwalo a le makgolokgolo ao a amogetsweng. Tsela e e molemo eo lo arabetseng ka yone lona basha e a re kgothatsa mmogo le go re ama maikutlo thata. Ka phepafalo, lo batla go dira se se siameng, ebile lo anaanela kaelo eo Jehofa a e neelang ka lorato ka Lefoko la gagwe. Gape go mo pepeneneng gore dikarabo tse di tswang mo Lefokong la Modimo eleruri di na le tharabololo!
Ka gone lo tla itumelela go itse gore metseletsele ya ditlhogo tsa “Basha Ba Botsa Jaana . . .” tseo di leng go Tsogang! di tlile go tswela pele di ntse di neela kgakololo e e utlwalang, e e theilweng mo Bibeleng eo e leng malebana le ditlhogo tseo di lo amang. Lo dire gore lo seka lwa bo lwa fosiwa le ke setlhogo se le sengwe fela ka monwana! Mme fa e le gore ga o ise o dire jalo, bala buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo—o bo o nne o e bale gape.b Buisana le bao o tsenang sekolo nabo ka yone. Leba dikwalo tse di tlhagang mo go yone. Tlotla ka dikgaolo tsa yone le batsadi ba gago. Dirisa kgakololo ya yone. Mme kwantle ga pelaelo o tla dumalana le Kent yo o nang le dingwaga di le 16, yo o neng a bolela jaana: “Go tshwana fela le fa ke na le bukana nngwe eo e nthusang gore ke kgone go kgabaganya dingwaga tse di boima go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa me.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tseo di neng di tshwerwe lefatshe ka bophara go simologa ka June 1989.
b O ka kgona go e bona ka go kwalela bagatisi ba makasine ono.
[Lebokoso mo go tsebe 11]
Diteng
Karolo 1
Moteng ga Legae: Go Dirisana le Maloko a Lelapa
Kgaolo Tsebe
1 Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go ‘Tlotla Rre le Mmè’? 11
2 Ke Ka Ntlhayang Fa Batsadi ba Me Ba Sa Ntlhaloganye? 18
3 Ke Ka Dira Jang Gore Batsadi ba Me Ba Nneye Kgololesego 26
e Kgolwane?
4 Ke Ka Ntlhayang Fa Rre le Mmè Ba Ne Ba Tlogelana? 34
5 Ke Ka Dira Jang Fa Motsadi wa Me A Nyalana le Mongwe Gape? 42
6 Ke Ka Ntlhayang Fa Go Le Thata go Dirisana Sentle 50
le Morwarre le Morwadiarre?
7 A Ke Tshwanetse go Tlogela Legae? 56
Karolo 2
Wena le Balekane ba Gago
8 Ke Ka Kgona Jang go Dira Ditsala tsa Mmatota? 65
9 Ke Ka Kgona Jang Kgatelelo ya Balekane? 73
Karolo 3
Kafa O Lebegang ka Gone
10 Tebego E Botlhokwa go le Kana Kang? 82
11 A Diaparo tsa Me Di Ntshenola Jaaka Ke Ntse Tota? 90
Karolo 4
Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Ikutlwa ka Tsela Eno?
12 Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Sa Ithate? 98
13 Ke Ka Ntlhayang Fa Pelo ya Me E Nna Botlhoko mo 104
go Kana Kana?
14 Ke Ka Dira Jang Gore Ke Seka Ka Jewa ke 115
Bodutu?
15 Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Le Ditlhong Jaana? 121
16 A Ke Selo Se Se Tlwaelesegileng go Hutsafala Jaaka Ke 127
Hutsafetse?
Karolo 5
Sekolo le Tiro
17 A Ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo? 134
18 Ke Ka Tokafatsa Jang Maduo a Me a Ditlhatlhobo 140
tsa Sekolo?
19 Ke Ka Ntlhayang Fa Bana Ba Bangwe Ba Sa Lese 150
go Ntshwenya?
20 Ke Ka Dirisana Sentle Jang le Morutabana wa Me? 158
21 Ke Ka Kgona Jang go Bona Tiro 166
(le go E Tshegetsa!)?
22 Ke Tshwanetse go Tlhopha Tiro Efe 174
mo Botshelong?
Karolo 6
Tlhakanelo-Dikobo le Maitsholo A A Siameng
23 Go Tweng Kaga go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo? 181
24 Ke Ka Kgona Jang go Gana Tlhakanelo-Dikobo 192
Pele ga Lenyalo?
25 Go Itshwaratshwara Dirwe tsa Tlhakanelo-Dikobo—Go 198
Masisi Go Le Kana Kang?
26 Tlhotlheletso ya go Itshwaratshwara Dirwe tsa 205
Tlhakanelo-Dikobo—Ke Ka Lwantshana Nayo Jang?
27 Boikanyego—A Tota Ke Mokgwa O Montle Bogolo? 212
Karolo 7
Lefereo, Lorato, Le Batho ba Bong Bo Sele
28 Ke Ka Itebatsa Lorato lwa Boeleele Jang? 219
29 A Ke Godile Mo Ke Siametseng Lefereo? 225
30 A Ke Setse Ke Godile Mo Ke Siametseng Lenyalo? 236
31 Ke Ka Itse Jang Fa E Le Lorato lwa Mmatota? 242
32 Ke Ka Kgona Jang go Atlega mo Thatanong? 252
Karolo 8
Seru sa Diokobatsi le Bojalwa
33 Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Sa Tshwanela go 262
Nwa Bojalwa?
34 Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go Gana Diokobatsi? 272
Karolo 9
Nako ya Boiketlo
35 A Go A Kgathalesega Gore Ke Bala Eng? 283
36 Ke Ka Kgona Jang go Laola Tsela E Ke Lebelelang 289
TV ka Yone?
37 Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Sa Kgone go Ja Monate 296
Motlha Mongwe Fela?
Karolo 10
Isagwe ya Gago
38 Isagwe E Ntsholetse Eng? 305
39 Ke Ka Atamalana Jang le Modimo? 311
[Lebokoso mo go tsebe 12]
‘Karolo ya Buka Eno Eo Ke E Ratang go Di Phala Tsotlhe Ke . . .’
Basha ba le bantsi ba ile ba akgela malebana le gore ke efe mo dikarolong tse di lesome (tseo di thathamisitsweng fa tlase fano) tsa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang eo eleng yone e e ileng ya ba thusa ka mo go kgethegileng:
Moteng ga Legae: “Nna le morwadiarre re aga re lwetse ruri. Mme lefa go ntse jalo buka eno e nthusitse gore ke nne molemo go morwadiarre. Mme fa go diragala gore re lwe, re kopa tshwarelo go yo mongwe le go mmolelela gore ga re a bua seo re se buileng ka boomo.”
“Ke ne ke atisa go akanya gore morwadiarre o fiwa sengwe le sengwe fela seo a se batlang, mme lefa go ntse jalo jaanong ke gone ke lemogang gore ke ne ke mo fufegela. Gape, ke lemoga gore ga se gore batsadi ba me ba rata yo mongwe go feta kafa ba ratang yo mongwe ka gone mme go na le moo ba leka bojotlhe jwa bone fela gore ba atolose lorato lwa bone mo go botlhe.”
“E nthusitse gore ke itse gore mama le papa ga ba kgaoganngwa ke nna.”
Wena le Balekane ba Gago: “E nthusitse gore ke tlhaloganye gore fa ke batla tsala, ke tshwanela gore ke nne tsala. Gape, ke ithutile gore ga ke a tshwanela go tlhola ka ebela le bana bao eleng ditsala tse di bosula.”
Kafa O Lebegang ka Gone: “Ke ne ke ithaya ke re ke nonne bobe, mme go ne ga feta matsatsi ke sa beye sepe se se kalo fa molomong. Mme lefa go ntse jalo e ne e re mo letsatsing le le latelang ke bo ke sa je ke olela mme ke bo ke boela ke nona gape. Ke ne ka dira tshwetso ya gore ke maswe ebile ga ke montle. Tsala nngwe e e rategang e ne ya mpolelela gore ke bale karolo e eleng malebana ‘ditebego.’ Ke ne ka tshologa dikeledi mo sefatlhegong fa ke ntse ke e bala. Jaanong ke tlhamaladitse dilo mme ke itse gore ke eng seo se tshwanetseng sa tla pele, mme ke tlhomile mogopolo mo tirelong ya me go Modimo—eseng mo tseleng eo ke lebegang ka yone.”
Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Ikutlwa ka Tsela Eno?: “Ke ne ke hutsafetse mo go maswe, go ya bokgakaleng jwa gore ke bo ke nne le dikakanyo tse di nonofileng tsa gore ke ipolaye. Jaanong ke simolotse go leka go itebaganya le dilo tseo ke di boifang mme ebile ke amogetse thuso go tswa mo ngakeng ya tsa kalafi. Ke ile ka ikutlwa ke gololesegile thata fa ke ne ke bala gore ‘poifo eno e e ganang go fela’ e tla khutla.”
Sekolo le Tiro: “Ke ntse ke na le bothata ka maduo a me mmogo le ka go tshwenngwa ke ba bangwe kwa sekolong. Ke rulaganyetsa go dirisa kgakololo eno kwa sekolong.”
Tlhakanelo-Dikobo le Maitsholo A A Siameng: “Basha ba gatelelwa thata gore ba dire se se sa siamang, mme lefa go ntse jalo fa ke dirisa melaometheo ya Bibela, ke kgona go ganana le dithaka tsa me.”
“Ke na le bothata jwa go ikgobolola, mme bo mpakela tlalelo e e seng kana ka sepe. Mme lefa go ntse jalo ke tlile go leka thata gore ke dirise kgakololo eno le go leka go nna mosha yo o botoka thata kafa nka kgonang ka gone mo go Rre wa me wa selegodimo.”
Lefereo, Lorato, Le Batho ba Bong Bo Sele: “Ke na le nako e telele jaanong ke ntse ke na le se se fetang lorato lwa bongwana fela mo mosetsaneng mongwe. Ga ke dire dilo tsa boeleele kana ke itsenya matlho a batho fa a le teng fa gaufi. Lefa go ntse jalo, ke ne ke ikutlwa ka tsela eo lo tlhalosang ka yone. Buka eno e nthusitse gore ke lemoge gore seno e ne e le lorato lo eseng lwa boammaaruri fela le gore ga ke ise ke gole mo go lekaneng gore nka ferea.”
Seru sa Diokobatsi le Bojalwa: “Ke sa tswa go fetsa kwa sekolong se segolo, mme ba setse ba ile ba re ba nnaya diokobatsi. Buka eno e nthusa gore ke di gane.”
Nako ya Boiketlo: “Ke ne ke atisa go bogela thelebishene go tloga ka Mantaga go ya go fitlha ka Labotlhano. Buka eno e nthusitse gore ke fokotse tsela eo ke bogelang thelebishene ka yone—eleng ka Sontaga le ka Labotlhano fela!”
Isagwe ya Gago: “Ke ne ke tlhola ke ithaya ke re Bibela e a lapisa—mme lefa go ntse jalo ga go tlhole go ntse jalo! Ke leka go e bala metsotso e le 15 letsatsi lengwe le lengwe!”
“E nthusitse thata mo dithapelong tsa me. Jaanong ke kgona go buisana le Jehofa ka tsela eo ke neng ke ka buisana ka gone le tsala nngwe eo re ntshanang se inong nayo.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Setlhopha sengwe sa basha ba kwa Fora se ne sa romela senepe seno (se se kafa mojeng) jaaka sesupo sa ‘tshireletso e e lorato mmogo le kemonokeng’ ya ga Jehofa mmogo le ya phuthego ya gagwe eo a e bontshitseng ka go gatisa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang