Puso ya Motho e Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo
Karolo 2—Dikgosi, Di Tshwana le Dinaledi, Di A Tlhatloga Di Bo Di Wele Tlase
Puso ya Bo-“Monarch”: Ke puso eo e eteletsweng pele ke tlhogo ya naga yoo o apoletsweng puso, yo o ntseng jaaka kgosi kana mmusimogolo; Bogosi: ke mofuta wa puso e e tshwanang le ya bo-“monarch” eo tlhogo ya yone eleng kgosi kana kgosigadi; Mmusotona: tulo e kgolo eo e busiwang eo gantsi e bopiwang ke setlhopha sa merafe, dinaga, kana batho bao ba leng kafa tlase ga puso e le nngwe e kgolo, eo gantsi tlhogo ya yone eleng mmusimogolo.
“ME GA dihala e rile mo metlheñ ea ga Amerafele kgosi ea Shinara.” Fano, jaaka fa Genesise kgaolo 14 e simolola, Bibela e dirisa lefoko “kgosi” ka lekgetlo la ntlha. Gore a Amerafele e ne e le leina le lengwe la Kgosi e e tumileng ya Babelona ebong Hammurabi, jaaka fa bangwe ba bolela, ga re itse. Seo re se itseng ke gore, go sa kgathalesege gore e ne e le mang, kgopolo ya go nna kgosi ga batho ga e a ka ya simologa ka Amerafele. Mo dingwageng di le makgolo a le mmalwa pelenyana ga moo, Nimerode, lemororo a ne a sa bidiwe kgosi, go bonala e ne e le yone. Tota, e ne e le ene motho wa ntlha go nna kgosi mo hisitoring.—Genesise 10:8-12.
Ke boammaaruri, ga re na dilo dipe tsa thutamarope tseo di buang ka Kgosi Nimerode kana ka Kgosi Amerafele. “Enmebaragesi, kgosi ya Kishe, ke mmusi wa bogologolo go gaisa botlhe wa Mesopotamia yoo go nang le dilo tse di kwadilweng ka ene tseo eleng tsa boammaaruri,” go bolela jalo The New Encyclopœdia Britannica. Go tswa kwa Kishe, eo eleng motsesetoropo oo eleng wa bogologolo thata kwa Mesopotamia, go ne ga tlhaga lefoko la Sesumeria la mmusi, leo le kayang “monna yo mogolo.” Letlha leo go bolelwang gore Enmebaragesi o ne a busa ka lone, lemororo le sa tshwane le la kafa Bibela e balang dingwaga ka gone, legale le phopholetsa lobaka lwa nako loo Bibela e le dumelang mme, sa botlhokwatlhokwa, le baya koo puso ya motho e simologileng gone kwa lefelong le le lengwe la lefatshe le leo le kaiwang ke Bibela.
Go Nna Seoposengwe ka Ntlha ya a le Mongwe Yo O Emelang Bontsi
Tatelano ya bo-Shang, kana bo-Yin, ba kwa China bao ba neng ba nna dikgosi ka go bo apolelwa, go akanngwa ka kakaretso gore e ile ya simologa nako nngwe magareng ga lekgolo la dingwaga la bo 18 le la bo 16 B.C.E., lemororo go sa tlhomamisegiwe sentle ka letlha leno. Lefa go ntse jalo gone, dipuso tsa bo-monarch ke tsone mofuta wa puso ya motho eo eleng ya bogologolo go di gaisa tsotlhe. Gape di aname thata.
Lefoko “monarch” le tswa mo mafokong a Segerika eleng mo’nos, leo le bolelang “esi,” le ar·khe’, leo le bolelang “busa.” Ka gone, puso ya bo-monarch e baya taolo e kgolo mo magetleng a motho a le esi a direla mo tshwanelong eo ya gagwe ka namana jaaka tlhogo ya leruri ya naga. Mo pusong eo go utlwiwang ka kgosi ya bo-monarch fela, lefoko la kgosi ke molao. O bopa seo go ka tweng ke motho a le mongwe yo o emelang bontsi.
Dipuso tsa bo-monarch di ile tsa nna tsa lejwa jaaka selo se se thusang go dira gore merafe e nne seoposengwe. John H. Mundy, yoo o rutang hisitori ya Yuropa ya dingwaga tsa bogareng, o tlhalosa gore mo metlheng ya dingwaga tsa bogareng, kgopolo ya sepolotiki “e ne e bolela gore ereka thulaganyo ya puso ya bo-monarch e gaisa makoko a a rileng, e tshwanela ditulo tse dikgolo tseo di nang le dikgatlhego tsa kgaolo tsa methalethale le tse di sa tsamaisaneng.” Ditulo tseno tse dikgolo tse di nang le “dikgatlhego tse di sa tsamaisaneng tsa kgaolo” gantsi e ne e le tseo di nnileng teng ka ntlha ya phenyo ya sesole, ereka gantsi dikgosi e ne e le tsone baeteledipele ba masole. Tota, rahisitori ebong W. L. Warren o bolela gore phenyo mo ntweng “gantsi e ne e tsewa jaaka selo sa ntlha seo se kgethololang bogosi jo bo nang le katlego.”
Ka gone, puso ya mofuta wa bo-monarch e ne ya nna yone eo e neng ya tsala mebuso e megolo ya lefatshe ya go tshwana le Mmusotona wa Gerika oo o neng o le kafa tlase ga ga Alexander yo Mogolo, Mmusotona wa Roma oo o neng o le kafa tlase ga Bokaeisara, le, oo eleng wa maloba fela jaana, Mmusotona wa Borithane. Ono o o umakilweng labofelo, oo o neng wa fitlhelela setlhoa sa one mo masimologong a lekgolo la dingwaga la bo 20, o ne wa kopanya mo e ka nnang kwatara ya baagi ba lefatshe lotlhe le nngwenneng ya tulo eo go nniwang mo go yone ya lone kafa tlase ga kgosi e le nngwe fela ka monwana.
Bogosi Joo Bo Apereng Phuraphure ya Bodumedi
Dikgosi di le dintsi tsa bogologolo di ne di iphaka gore ke medimo. Jaaka fa rahisitori ebong George Sabine a ne a bolela jaana: “Go simololola ka Alexander, dikgosi tsa Magerika le tsone di ne di fetoga mengwe ya medimo ya metse ya Gerika. Kgosi e e dirilweng modimo e ne ya fetoga thulaganyo ya lefatshe lotlhe kwa Botlhaba mme e ne ya re kwa bofelong ya tshwanela gore e amogelwe ke babusibagolo ba kwa Roma.” O bolela gore tumelo eno ya gore dikgosi ke medimo e ne ya tswelela pele e le teng kwa Yuropa “e le ka dibopego tse di farologaneng, go tla go fitlha mo metlheng ya segompieno.”
Kwa Amerika Bogare mmogo le Borwa, dinaga tsa Aztec le tsa Inca di ne di lebiwa jaaka di-monarch tse di boitshepo. Kwa Asia e ne ya nna go fitlha ka 1946 fela Mmusimogolo wa kwa Japane ebong Hirohito a neng a latlha maiphako a gagwe a gore ke motho wa bo 124 yoo eleng ngwana wa modimogadi wa sesadi wa letsatsi ebong Amaterasu Omikami.
Lemororo e ne e se dikgosi tsotlhe tseo di neng di iphaka gore ke medimo, bontsi jwa tsone bobotlana di ne di bolela gore di ne di engwa nokeng ke Modimo. Ereka di ne di kgetholotswe jaaka tseo di emelang Modimo mo lefatsheng seo ka bosone se ne se tsamaisana le maemo a boruti. John H. Mundy o tlhalosa gore “kgopolo ya bogologolo ya gore dikgosi ka botsone di ne di na le maemo a boruti e ne ya anama kwa Bophirima, e dira gore kgosi e fetoge tlhogo e e laolang mo kerekeng eo a e tsenang le mokaedi wa tiro ya yone ya boaposetoloi.” E ne e le kgopolo ya bodumedi “eo e tserweng go tswa kgolaganong eo Constantine a neng a e dirile magareng ga kereke le puso [mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E.], le tsela e e tshwanang le eo kereke e ileng ya amogela kgopolo ya ga Plato e e tswakantsweng le ya ga Aristotle.” Tshegofatso ya bodumedi eo e neng e neelwa ka nako ya fa kgosi e ne e tlhongwa mo setulong sa bogosi e ne e naya puso ya kgosi seriti ka tsela ya semolao eo fa go ne go sa dirwa jalo e ka bo e ne e seo.
Ka 1173, Henry II wa Engelane o ne a simolola go dirisa sereto sa “Kgosi ka tshegofatso ya Modimo.” Seno se ne sa felela ka gore go nne le kgopolo eo e neng ya re moragonyana ga moo ya itsege jaaka tshwanelo ya dikgosi eo di e filweng ke Modimo, eleng seo se neng se bolela gore maatla a kgosi a a tsalelwa. Go ne go bolelwa gore Modimo o ne o bontsha yoo o mo itlhophelang ka nako ya fa a tsalwa. Ka 1661, Louis XIV wa kwa Fora o ne a dirisa thuto eno ka tsela e e feteletseng ka go tsaya marapo otlhe a puso. O ne a leba kemokgatlhanong jaaka go leofela Modimo oo a neng a o emela. “L’état c’est moi! [Ke nna Puso],” o ne a ipelafatsa jalo.
Kgopolo e e tshwanang le eno e ne ya tlhaga kwa Scotland mo e ka nnang ka yone nako eno. Ka nako eo a neng a busa Scotland ka yone e le James VI mme legale e le pele ga a fetoga King James I wa Engelane 1603, kgosi eno e ne ya kwala jaana: “Dikgosi di bidiwa Medimo . . . ka gonne ba dutse mo godimo ga MODIMO eleng mo Setulong sa one sa Bogosi mo lefatsheng, mme ba tshwanelwa ke gore ba ikarabele mo go [O]ne ka ntlha ya tsela eo ba laolang ka yone.” Ga re itse gore kgopolo eno e ne ya tlhotlheletsa James go ya bokgakaleng bofe gore a ntshe taelo ya gore go ranolelwe Bibela mo Seesemaneng. Seo re se itseng ke gore diphelelo tsa seo e ne ya nna eng, King James Version, eo e santseng e dirisiwa thata ke Baporotesetanta.
Motlha wa Dipuso tsa Bo-“Monarch” Tseo Go Neng go Utlwiwa ka Tsone Fela
Go tloga mo masimologong a Metlha ya Bogareng go ya pele, dipuso tsa bo-monarch e ne e le tsone mefuta ya puso ya ka nako eo. Dikgosi di ne tsa tlhama tsela e e bonolo le eo ba ka e kgonang ya go busa ka go neela puso go beng ba dinaga ba ba tumileng. Bano, le bone, ba ne ba tlhoma tsamaiso nngwe ya sepolotiki le ya sesole eo e neng e itsege jaaka ya go duela batlhanka ka go ba naya naga. Beng bano ba dinaga ba ne ba duela batlhanka ba bone bao ba direlang mo sesoleng le mo ditirong tse dingwe, ka go ba naya naga. Mme lefa go ntse jalo e ne e re fa beng bano ba dinaga ba ntse ba nna le katlego mmogo le maatla go ya pele, go bo go diragala gore bogosi joo bo kgaogane ka dikarolo tsa maatla a tsamaiso eno ya go duela batlhanka ka go ba naya naga.
Mo godimo ga moo, tsamaiso eo ya go duela batlhanka ka go ba naya naga e ne e tseela baagi seriti sa bone mmogo le kgololesego ya bone. Ba ne ba gatelelwa ke beng ba dinaga ba sesole, eleng ba tuelo ya bone e neng e tswa mo go bone segolobogolo. Ereka a ne a timilwe thuto le ditshono tsa setso “lelata le ne le na le ditshwanelo di sekae fela tseo di neng di patelediwa ke molao kgatlhanong le morena wa gagwe yoo eleng ene mong wa naga,” go bolela jalo Collier’s Encyclopedia. “O ne a se kake a nyala, a fetisetsa naga eo e neng e beilwe kafa tlase ga gagwe go bajaboswa ba gagwe, kana a tlogela naga eo kwantle ga tumelelo ya morena wa gagwe.”
Ono e ne e se one fela mokgwa oo go neng go busiwa ka one mo dipusong tsa bo-monarch moo go neng go utlwiwa ka tsone fela gone. Dikgosi dingwe di ne di neela batho ba ba rileng marapo a puso bao ba neng ba ka nna ba ntshiwa mo tirong eo morago ga moo, fa go ne go ka diragala gore go akanngwe gore seo se a tlhokafala. Dikgosi tse dingwe di ne di neela ditheo dingwe tse di tumileng marapo a puso eleng ditheo tseo di neng di busa go ya ka ditlwaelo tsa setso le ka kgatelelo ya loago. Mme lefa go ntse jalo mekgwa eno yotlhe go ne go na le moo e neng e sa kgotsofatse teng. Lefa go ntse jalo, bakwadi ba mo lekgolong la bo 17 la dingwaga, ba ba ntseng jaaka Sir Robert Filmer wa kwa Engelane le Jacques-Bénigne Bossuet wa kwa Fora, ba ne ba santse ba buelela gore puso fa e tshwerwe ke motho a le mongwe fela seo ke one mofuta wa puso oo o siameng. Lefa go ntse jalo matsatsi a yone a ne a badilwe.
“Medimo” E Fetogile Medimo ka Leina Fela
Go sa kgathalesege seo se neng se dumelwa ke bontsi sa gore dikgosi tsa bo-monarch di ne di ikarabela mo Modimong fela, go ne go setse go na le lobaka kgatelelo e ntse e gola ya go di dira gore di ikarabele mo melaong ya batho, mo ditlwaelong tsa bone, le mo ditaolong tsa bone. Mo lekgolong la bo 18 la dingwaga, “dikgosi tsa bo-monarch di ne tsa dirisa mafoko a go bua a a farologaneng le a barena ba bone ba lekgolo la bosomesupa la dingwaga ba neng ba a dirisa,” go bolela jalo The Columbia History of the World, lefa go ntse jalo, e tlatsa ka gore “lefa ba ne ba dirisa mafoko ao a go bua e ne e santse e le barena.” Morago ga moo e tlhalosa gore “fa Frederick yo Mogolo a ne a ipitsa ‘motlhanka wa ntlha wa puso’ a bo a kgala ntlha ya gore dikgosi di filwe tshwanelo eo ke Modimo, o ne a sa akanye ka go tlogela maatla a go busa.”
Lefa go ntse jalo, morago ga Menolopuso ya ka 1688 ya kwa Engelane mmogo le morago ga Menolopuso ya kwa Fora ya ka 1789, motlha wa gore go utlwiwe ka motho a le mongwe fela ka monwana o ne wa tla bokhutlong ka kakaretso. Ka iketlo, dipuso tsa bo-monarch tseo go utlwiwang ka motho a le mongwe fela mo go tsone fela di ne tsa sutela dipuso tsa bo-monarch tseo di nang le dipeomolao kana melaotheo, kana di na le tseno ka bobedi jwa tsone. Go farologana le mo lekgolong la bo 12 la dingwaga ka nako ya fa “bogosi e ne e santse e le seo kgosi e neng e kgona go bo dira gore e nne sone, le seo babusiwa ba yone ba neng ba iketleeleditse go se amogela,” fa re tsopola mafoko a ga rahisitori W. L. Warren, gompieno maatla a sepolotiki a dikgosi di le dintsi le dikgosigadi a ngotlegile thata.
Gone ke boammaaruri, ke dikgosi tsa bo-monarch di sekae fela tseo di santseng di na le maatla a a seng kana ka sepe. Mme lefa go ntse jalo bontsi jwa tsone ke bogologolo di latlhegetswe ke dikgalalelo tsa tsone tsa “go nna medimo” mme di itumelela go direla jaaka dikgosi ka leina fela, batho bao eleng karolo ya konokono ya puso bao merafe e ka rotloediwang gore e kgobokane go ba dikologa ba dira jalo ka moya wa boikanyegi. Dipuso tsa bo-monarch tseo go sa utlwiweng ka tsone fela di ile tsa leka go tswelela di na le dikarolo tsa puso ya motho a le mongwe tseo di dirang gore batho ba nne seoposengwe mme kafa letlhakoreng le lengwe di nyeletsa dikarolo tsa yone tseo di seng molemo ka go dira gore puso ka boyone e nne mo magetleng a peomolao.
Kgopolo ya dipuso tsa bo-monarch tseo go sa utlwiweng ka tsone fela e santse e tumile. Maloba fela jaana ka bo 1983, Krishna Prasad Bhattarai, yoo eleng moeteledipele wa Lekoko la Konkerese la Nepal kwa Nepal, o ne a buelela puso ya bo-monarch a re ke ‘leparego leo le dirang gore go seka ga nna le tlhakantsuke,’ a bolela gore ‘Kgosi e a tlhokafala gore naga e ke e nne e le seoposengwe.’ Mme lemororo ka 1987 Mafora a ne a dira dithulaganyo tsa bofelo ba baakanyetsa go keteka ngwaga wa bo 200 wa Menolopuso ya Fora, 17 lekgolong ya bao ba ileng ba botsolodiwa ba ne ba rata go ka boela kwa pusong ya bo-monarch. Leloko lengwe la setlhopha sa puso ya bo-monarch o ne a bolela jaana: “Kgosi ke yone fela tsela e le yosi ka monwana eo go ka dirwang gore morafe o tshwaragane ka yone gore o nne seoposengwe eleng morafe oo o sa bolong go nna makgaoganyane go le kanakana ka ntlha dikgaruuruu tsa sepolotiki.”
Mo go yone ngwaga eo, makasine wa Time o ne wa akgela jaana: “Bogosi bo dira gore go nne le boikanyegi gongwe e le ka gonne dikgosi tsa bo-monarch ke tsone medingwana e megolo ya bofelo ya mo motlheng ono wa rona wa segompieno, bao eleng bone fela batho ba bagolo go feta batho ba ba tlwaelegileng bao ba santseng ba ka dira gore batho ba akofe go nna le tumelo mme ba santse e le batho ba masaitsiweng. Fa e le gore Modimo o sule, ekete Kgosigadi e ka tshelela ruri!” Mme lefa go ntse jalo fa o leba dilo kafa di ntseng ka teng tota ka mo go oketsegileng, o ne wa oketsa ka gore “maatla a go busa ao Kgosigadi [ya Borithane] e nang le one a teng segolobogolo ka ntlha ya go tlhoka maatla ga gagwe ka tsela e e tsabakelang.”
Di Fitlhetswe Di Tlhaela
Dipuso tsa bo-monarch tseo go utlwiwang ka motho a le mongwe fela mo go tsone ga di kgotsofatse. Go ya ka tsela eo di ntseng ka yone, ga di a tlhomama. Go ise go ye kae fela, mmusi mongwe le mongwe o a swa mme o tshwanelwa ke gore a emisediwe ka motlhatlhami wa gagwe, yoo gantsi a tlhophiwang ka ntlha ya tsalo mme eseng ka ntlha ya melao e e kwa godimo ya boitshwaro eo a nang le yone kana ka ntlha ya kgono eo a nang le yone. Ke mang yo o ka tlhomamisang gore morwa o tla nna molemo fela jaaka fa rragwe a ne a ntse? Kana fa e le gore rre o ne a le bosula, ke mang yo o ka tlhomamisang gore morwawe o tla nna botoka ka gope mo go ene?
Gape, jaaka fa Cristiano Grottanelli a tlhalosa, “go tlhophiwa ga motho yo o tlhatlhamang kgosi” ka dinako tse dintsi “o tlhalosiwa ka tsela e e boatla fela, mo eleng gore mo gare ga maloko a losika lwa bogosi bao ba tshwanelegelang seo go ka nna ga tsoga kgaisano. Ka gone lobaka loo lo latelang morago ga loso lwa kgosi gantsi e nna lobaka lwa tlhakantsuke mo setšhabeng (mmogo le mo lobopong lotlhe), ka tsela ya mmatota le ya tshwantshetso.”
Ereka puso ya bo-monarch eo go utlwiwang ka motho a le mongwe fela mo go yone e le puso ya motho a le mongwe fela, go nna le katlego ga yone go ikaega ka gore motho yoo eleng mmusi mo go yone o na le katlego go le kana kang. Dikgono le dinonofo tseo a nang le tsone di ka nna tsa bonwa mo pusong ya gagwe mme lefa go ntse jalo go tla nna jalo le ka makoa a gagwe, ditlhaelo tsa gagwe, le go tlhoka kitso ga gagwe. Le eleng batho bao ba tswang mo malapeng ao a tumileng mo setšhabeng ga ba itekanela. Dikgosi tse di sa siamang di tlhoma dipuso tse di sa siamang, dikgosi tse di molemo go ka diragala gore di tlhome dipuso tse di botoka, mme lefa go ntse jalo ke kgosi e e itekanetseng fela eo e ka tlhomang puso ya mofuta oo batho ba o eletsang ebile ba tshwanelwa ke gore ba nne le yone.
Dipuso tsa bo-monarch tse di nang le palamente kana tseo go sa utlwiweng ka motho a le mongwe fela mo go tsone le tsone di a tlhaela. Kwa United Kingdom, lekgolo leno la dingwaga le ile la bona dikgosi le dikgosigadi tseo eleng tsone ka leina fela tsa kwa Engelane e le tsone di okametseng fa go ne go kgaoganngwa mmusotona ono oo e leng one o mogolo ebile e le one o o maatla go e gaisa yotlhe eo e kileng ya tsamaya ya nna teng mo lefatsheng.
Naledi ya Mofuta O Mongwe
Dikgosi, di tshwana le dinaledi, di a tlhatloga di bo di wele tlase—kwantle ga e le nngwe fela. Jesu Keresete o bolela jaana ka ene ka namana a re ke “mocwe oa ga Dafide, le lotsalō lwa gagwè, naledi e e phatsimañ ea moshō.” (Tshenolō 22:16) Ereka e le ngwana wa ga Kgosi Dafide ka tlhamalalo go ya ka nama, Jesu o a tshwanelega gore e nne Kgosi ya puso ya Modimo. Jaaka “naledi e e phatsimañ ea moshō,” Jesu gape ke “naledi ea moshō” eo Petere a neng a bolela gore e ne e tla tlhaba mme ya baka gore letsatsi le tlhabe.—2 Petere 1:19; Dipalō 24:17; Pesalema 89:34-37.
Ka ntlha ya dintlha tseno, tota ke selo se se botlhale go le kana kang go ka leba go dinaledi tse di welang kwa tlase tsa batho bao eleng dikgosi tsa bo-monarch go bona kaelo? Mo boemong jwa moo, botlhale bo tla re tlhotlheletsa gore re beye ditsholofelo tsa rona mo Kgosing eo e tlhophilweng ke Modimo, ebong Jesu Keresete, “Kgosi ea dikgosi, le Morèna oa barèna; Eo o nañ le bosashweñ a le esi [go gaisa dikgosi tsotlhe tsa batho].” (1 Timotheo 6:15, 16) Ereka a setse a tlhatlogile jaaka Kgosi e e sa bonaleng kwa magodimong, o tla tloga a tlisa moso wa lefatshe le lesha. Ke naledi—kgosi—yoo, jaanong ereka a tlhatlogile, a se kitlang a bo a tsamaya a wela kwa tlase!
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Ka nako ya fa e swa le eleng kgosi ya motho eo e neng e le molemo go di gaisa tsotlhe e tlogela tiro ya yone mo diatleng tsa motho yoo go senwang tsholofelo mo go ene