A Basupi ba ga Jehofa ba Pateletsa Bana ba Bone go Amogela se Ba se Dumelang?
Nnyaa, ka gonne go obamela Modimo ke tshwetso e motho a e itirelang. (Baroma 14:12) Basupi ba ga Jehofa ba ruta bana ba bone melaometheo ya Baebele fa ba ntse ba gola mme fa bana ba bone ba setse ba godile, ba tshwanetse go itirela tshwetso ya gore a e tla nna Basupi kgotsa nnyaa.—Baroma 12:2; Bagalatia 6:5.
Fela jaaka motsadi mongwe le mongwe, Basupi ba ga Jehofa ba batla bana ba bone ba atlega mo botshelong. Ba ruta bana ba bone se se ka ba solegelang molemo: jaaka bokgoni jo ba ka bo dirisang, melaometheo ya boitsholo le ka bodumedi. Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Baebele e kgothaletsa batho go tshela botshelo jo bo molemo, ka jalo ba leka go ruta bana ba bone ka melao ya boitsholo mme ba ithuta Baebele le bone le go ya dipokanong tsa Bokeresete le bone. (Duteronome 6:6, 7) Fa ngwana a gola, o tla itirela tshwetso ya gore a o tla nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kana jang.
Goreng fa Basupi ba ga Jehofa ba tsamaya le bana ba bone fa ba rera?
A Basupi ba ga Jehofa ba tsaya karolo mo malatsing a boikhutso le mo meletlong e mengwe?
Bangwe ba ba godisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa jang?
A Basupi ba ga Jehofa ba kolobetsa masea?
Nnyaa. Baebele ga e kgothaletse go kolobediwa ga masea. Ka sekai, pele Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kolobediwa, ba ne ba “amogela” molaetsa “ka boitumelo” mme ba ikwatlhaya. (Ditiro 2:14, 22, 38, 41) Ka jalo gore motho a kolobediwe o tshwanetse gore a bo a godile mo go lekaneng gore a tlhaloganye dithuto tsa Baebele, go di dumela le gore a bo a dirile tshwetso ya gore a o tla tshela go ya ka dithuto tseo. Dilo tseno ke tse masea a ka se kang a kgona go di dira.
Fa bana ba ntse ba gola, ba ka tlhopha gore a ba tla kolobediwa. Le fa go ntse jalo, fa ba dira seo ba tshwanetse go tlhaloganya maikano a ba a dirang.
A Basupi ba ga Jehofa ba emisa go dirisana le bana ba bone fa ba tlhopha gore ba se ka ba kolobediwa?
Nnyaa. Le fa gone batsadi ba Basupi ba utlwa botlhoko fa ngwana a sa nne Mosupi wa ga Jehofa, ba sa ntse ba rata ngwana yoo mme e bile ga ba emise go dirisana le ene fela ka gore ga a tlhopha go nna Mosupi wa ga Jehofa.
Mongwe le mongwe go sa kgathalesege dingwaga tsa gagwe, o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore a o tla kolobediwa kana nnyaa
Goreng Basupi ba ga Jehofa ba tsamaya le bana ba bone fa ba rera?
Go na le mabaka a le mantsi a a dirang gore re tsamaye le bana ba rona fa re ya go rera.a
Baebele e laela batsadi go ruta bana ba bone ka Modimo le go ba katisa gore ba ka obamela Modimo jang. (Baefeso 6:4) Go rera ke karolo e e botlhokwa thata ya go ruta ngwana ka Modimo, ka gonne kobamela e akaretsa go bolela phatlalatsa se motho a se dumela.—Baroma 10:9, 10; Bahebera 13:15.
Baebele e kgothaletsa basha gore ba “bake leina la ga Jehofa.” (Pesalema 148:12, 13) Tsela e e molemo go di gaisa ya go baka Modimo ke go bolelela ba bangwe ka ene.b
Bana ba solegelwa molemo thata fa ba rera le batsadi ba bone. Ka sekai, ba ithuta go bua le batho ba ba farologaneng le go nna le dinonofo tse di jaaka kutlwelobotlhoko, bonolo, go tlotla ba bangwe le go sa ikakanyetse ba le bosi. Go rera gape go thusa bana gore ba nne le mabaka a go dumela se Baebele e se rutang.
A Basupi ba ga Jehofa ba tsaya karolo mo malatsing a boikhutso le mo meletlong e mengwe?
Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo malatsing a boikhutso a bodumedi kgotsa meletlo e e sa itumediseng Modimo.c (2 Bakorintha 6:14-17; Baefeso 5:10) Ka sekai, ga re keteke malatsi a botsalo kgotsa Keresemose ka gore ga di tlholege mo Bokereseteng.
Le fa go ntse jalo, re itumelela go fetsa nako le bamalapa a rona le go fa bana ba rona dimpho. Go na le gore re emele malatsi a a rileng gore re kopane re le lelapa le go abelana dimpho, re rulaganya go kopana le go abelana dimpho nako nngwe le nngwe mo ngwageng.
Batsadi ba Bakeresete ba itumelela go fa bana ba bone dimpho
a Bana ba Basupi ga ba tseye karolo mo tirong ya go rera ntle le batsadi ba bone kana ba na le mogolo mongwe yo o nang le maikarabelo.
b Baebele e umaka bangwe ba bana ba ba neng ba itumedisa Modimo ka go bua le ba bangwe ka se ba se dumelang.—2 Dikgosi 5:1-3; Mathaio 21:15, 16; Luke 2:42, 46, 47.
c Bona setlhogo se se reng “Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Malatsi Mangwe a Boikhutso?”
d Maina mangwe a fetotswe.