Basupi ba ga Jehofa ba Dirisa Meneelo Jang?
Re dirisa meneelo go tshegetsa dilo tse di amanang le kobamelo ya rona le tiro ya namolo. Dilo tseno ke karolo ya maikaelelo a rona a magolo a go thusa batho go nna barutwa ba ga Jesu Keresete.—Mathaio 28:19, 20.
Ga re dirise meneelo go humisa ope. Ga go na bagolwane kgotsa baruti ba ba duelwang e bile Basupi ba ga Jehofa ga ba duelwe go tsamaya ka ntlo le ntlo. Ba ba direlang kwa diofising tsa lekala le kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa go akaretsa le Setlhopha se se Laolang, ga ba duelwe.
Dingwe Tsa Ditiro Tse re di Dirang
Tiro ya go Gatisa: Re ranola dimilione tsa Dibaebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ngwaga le ngwaga, go tswa foo re a di printa le go di isa kwa mafelong a a farologaneng mahala. Ka tsela e e tshwanang, websaete ya jw.org le app ya Jw Library le dikgatiso tse di mo go tsone ke mahala e bile ga go na dipapatso tse di re direlang madi mo go tsone.
Tiro ya go Aga le go Baakanya : Re aga le go baakanya mafelo a kobamelo lefatshe ka bophara, gore diphuthego di kgone go nna le mafelo a di ka kopanelang mmogo mo go one le go obamela Modimo. Re dira jalo le ka diofisi tsa makala le diofisi tsa thanolo. Bontsi jwa tiro eno bo dirwa ke baithaopi mme seno se thusa go fokotsa ditshenyegelo.
Kafa Dilo di Tsamaisiwang ka Gone: Ditiro tse di dirwang kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe, kwa diofising tsa makala, kwa diofising tsa thanolo le ditiro tse di dirwang ke badiredi ba ba etelang diphuthego, di tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe.
Tiro ya go Rera: Basupi ba ga Jehofa ga ba duelelwe tiro ya go rera kgotsa go ruta batho “lefoko la Modimo.” (2 Bakorintha 2:17) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha ba ne ba dira, batlhanka bangwe ba ba katiseditsweng tiro ya go rera e bile ba fetsa nako e e ntsi mo go yone, ba tshegediwa ka dilo dingwe tse ba di tlhokang go akaretsa le kwa ba ka nnang gone.—Bafilipi 4:16, 17; 1 Timotheo 5:17, 18.
Tiro ya go Ruta: Dikopano tsa rona di tshegediwa ka meneelo. Mo godimo ga moo, re dira di-audio le dibidio tse di theilweng mo Baebeleng. Gape go na le dikolo tse di thapisang bagolwane le bareri ba dikgang tse di molemo ba nako e e tletseng, gore ba kgone go dira dikabelo tsa bone sentle.
Tiro ya Namolo: Fa batho ba tlhagetswe ke masetlapelo a tlholego kana masetlapelo ape fela, re ba tlamela ka dijo, metsi le kwa ba ka nnang gone. Tiro eno ga e tswele fela “badumedimmogo le rona” mosola mme gape e thusa ba e seng Basupi.—Bagalatia 6:10.