LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 96
  • Goreng Go se Na Kagiso?—Baebele e a Reng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Go se Na Kagiso?—Baebele e a Reng?
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mabaka a le mararo a go bo batho ba sa kgone go tlisa kagiso
  • Ke mang yo o ka dirang gore go nne le kagiso?
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • A “Kagishō ea Modimo” e Dibele Pelo ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ke Mang yo o Tla Isang Batho Kwa Kagisong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kagiso mo Lefatsheng—Ke Eng Fa go Le Thata Jaana go e Bona?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 96
Di-toy tse pedi tsa masole di supane ka ditlhobolo.

ilbusca/E+ via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Goreng Go se Na Kagiso?​—⁠Baebele e a Reng?

Baeteledipele ba dipolotiki le mekgatlho ya lefatshe, ga e kgone go dira gore go nne le kagiso. Fa e sale go tloga ka Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, gompieno go na le dintwa tse dintsi mo lefatsheng go feta le fa e leng pele. Batho ba ka nna dibilione di le pedi, mo e ka nnang kwatara ya palo ya batho mo lefatsheng lotlhe, ba amilwe ke dintwa.

Goreng batho ba sa kgone go dira gore go nne le kagiso? Baebele e a reng?

Mabaka a le mararo a go bo batho ba sa kgone go tlisa kagiso

  1. 1. Batho ba na le mekgwa e e dirang gore ba se ka ba tsaya matsapa a go dira kagiso le ba bangwe. Baebele e ile ya bolelelapele gore mo motlheng wa rona, “batho ba tla ikakanyetsa ba le bosi, ba rata madi, ba ikgantsha, ba le mabela . . . ba sa ikanyege, . . . ba sa batle go dumalana le ba bangwe ka sepe, . . . ba sa ithibe mo go sepe, ba le bogale jo bo tshabegang, . . . ba le tlhogoethata, ba ikgogomosa.”​—2 Timotheo 3:2-4.

  2. 2. Batho ga ba kgone go rarabolola mathata a ba nang le one kwa ntle ga thuso ya Mmopi wa bone e bong Jehofaa Modimo. Baebele e tlhalosa gore “motho ga a kgone go kaela botshelo jwa gagwe.”​—Jeremia 10:23.

  3. 3. Lefatshe le laolwa ke mmusi yo o maatla le yo o bosula e bong Satane Diabolo, yo o “tsietsang lefatshe lotlhe.” (Tshenolo 12:9) Fa fela “lefatshe lotlhe le [tswelela le] laolwa ke Satane,” go tla tswelela go nna le dintwa le dikgotlhang.​—1 Johane 5:19.

Ke mang yo o ka dirang gore go nne le kagiso?

Baebele e a re Modimo ke ene fela yo o ka dirang gore go nne le kagiso, e seng batho.

  • “‘Ke itse sentle se ke lo se batlelang, ke batla go lo naya kagiso e seng masetlapelo, e bile ke batla go lo naya bokamoso le tsholofelo,’ go bua Jehofa.”​—Jeremia 29:11.

Modimo o tla diragatsa jang tsholofetso eo? “Modimo yo o nayang kagiso o tla tšhwetla Satane.” (Baroma 16:20) Modimo o tla dirisa puso ya gagwe e Baebele e e bitsang “Bogosi Jwa Modimo,” go dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe. (Luke 4:43) Fa Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo Jesu Keresete a busa, batho ba tla rutiwa go tshela ka kagiso.​—Isaia 9:6, 7.

  • Go ithuta mo go oketsegileng bala setlhogo se se reng “Bogosi Jwa Modimo bo Tla Fitlhelela Eng?”

a Jehofa ke leina la Modimo.​—Pesalema 83:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela