LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 May ts. 32
  • Manaene—Dira Gore go Direla Jehofa go Tle Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Manaene—Dira Gore go Direla Jehofa go Tle Pele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boloka Thuto mo Maemong a Yone
    Tsogang!—1994
  • Tswelela o Nonofile mo Tumelong fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • A Baebele e Ganana le Thuto?
    Tsogang!—1998
  • Basha ba ba Gakologelwang Mmopi wa Bone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 May ts. 32

MOTHO YO GO BUIWANG KA ENE MO BAEBELENG

Manaene​—Dira Gore go Direla Jehofa go Tle Pele

Manaene e ne e le mongwe wa bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele kwa phuthegong ya bogologolo ya kwa Antioka. O ne “a rutilwe ka nako e le nngwe le Herode yo o neng a busa kgaolo eo.” (Dit. 13:1) Ka jalo, Manaene o ne a rutegile fela thata e bile a ka tswa a ne a goletse mo lelapeng le le humileng.

Le fa Manaene a godisitswe jalo, o ne a tlhopha go nna Mokeresete le go ema phuthego nôkeng. Ga a ka a dirisa thuto e a neng a na le yone kgotsa go itse batho ba ba nang le maemo go itlotlomatsa. Go na le moo, o ile a dira ka natla go thusa bakaulengwe ba gagwe.

Se Manaene a se dirileng, se re bontsha gore go direla Jehofa go botlhokwa thata go na le go leka go tuma kgotsa go nna le madi a mantsi. Fela jaaka Manaene, re tshwanetse go dira gore go direla Jehofa e nne selo sa botlhokwa mo matshelong a rona go na le go leka go tuma kgotsa go nna le madi a mantsi. (Math. 6:33) Mo godimo ga moo, tota le fa re tsaya thuto e le botlhokwa, re dira gore “dilo tse di botlhokwa thata” di tle pele e bile re tlhomamisa gore dilo tse dingwe ga di re kgoreletse go obamela Jehofa.​—Bafil. 1:9, 10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela