LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 March ts. 2-7
  • Tokafatsa Tsela e o Rutang ka Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tokafatsa Tsela e o Rutang ka Yone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • AMEGA KA BATHO
  • DIRISA BAEBELE
  • BA THUSE GO TLHOMA MOGOPOLO MO GO JEHOFA
  • TSWELELA O TOKAFATSA TSELA E O RUTANG KA YONE
  • Thusa Motho Yo o Mo Rutang Baebele Gore a Direle Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Thusa ba Bangwe go Itse Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Nna Bonako go Thusa ba ba Batlang go Ithuta ka Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 March ts. 2-7

MAY 4-10, 2026

PINA 53 Go Ipaakanyetsa Go ya Go Rera

Tokafatsa Tsela e o Rutang ka Yone

“Rera lefoko . . . o le pelotelele e bile o rute ka botswerere.”​—2 Tim. 4:2.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go tlotla ka dilo tse tharo tse re ka di dirang go tokafatsa tsela e re rutang ka yone mo bodireding.

1. Ke bokgoni bofe jo rotlhe re tshwanetseng go nna le jone, mme ka ntlha ya eng? (2 Timotheo 4:2) (Bona le setshwantsho.)

JESU o ile a raya balatedi ba gagwe a re: “[Dirang] barutwa . . . , lo ba rute gore ba ikobele dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Math. 28:19, 20) Seno se raya gore Jesu o ne a laela Bakeresete botlhe gore ba rute batho ba bangwe. Ke boammaaruri gore Jehofa o gogela batho ‘ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang go amogela boammaaruri’ kwa go ene, e bile baengele ba re thusa go bona batho bao. (Dit. 13:48; Joh. 6:44; Tshen. 14:6) Mme gone, re tshwanetse go dira ka natla gore re nne le bokgoni jwa go ruta. Akanya ka se Paulo le Barenabase ba ileng ba se dira. Baebele e a re fa ba ne ba rera mo sinagogeng kwa Ikonio “ba ne ba bua ka tsela e e neng ya dira gore Bajuda le Bagerika ba le bantsi thata ba nne badumedi.” (Dit. 14:1) Ga go pelaelo gore Paulo le Barenabase ba ne ba ithutile go ‘ruta ka botswerere.’ (Bala 2 Timotheo 4:2.) Bakeresete botlhe le bone ba tshwanetse go nna le bokgoni jwa go ruta.

Paulo o bua a tlhatswegile pelo kwa sinagogeng, mme batho ba mo reeditse ka tlhoafalo. Barenabase o ntse gaufi le Paulo, o itumetse fa a ntse a lebile Paulo a ruta.

Re ka tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go ruta ka go ithuta mo go Jesu le mo barutweng ba gagwe, ba ba jaaka Paulo le Barenabase (Bona serapa 1)


2. Goreng Bakeresete bangwe ba akanya gore ga ba ka ke ba kgona go tokafatsa tsela e ba rutang ka yone?

2 Bangwe ba ka nna ba tsaya gore ga ba ka ke ba kgona go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go ruta ka gonne ba sa rutega kgotsa ba sa kgone go tlhalosa dilo sentle. Banna bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, le bone ba ne ba tsaya gore ga ba na bokgoni. (Ekes. 4:10; Jer. 1:6) Ba bangwe bone ba ka nna ba akanya gore ga ba na bokgoni jwa go ruta ka gonne go se na batho bape ba ba ithutang Baebele le bone kgotsa ba se na maitemogelo a a kgatlhang mo tshimong jaaka ba bangwe. Boammaaruri ke gore ga se batho botlhe ba ba tla batlang go re reetsa fa re ba rerela dikgang tse di molemo. Gape bokgoni jwa rona jwa go ruta ga se jone fela jo bo dirang gore batho ba re reetse. Jaaka re bone, Jehofa le baengele ba re kaela kwa bathong ba ba batlang go ithuta boammaaruri. Mme gone, re tshwanetse go dira sotlhe se re se kgonang gore re rere ka tsela e e tla dirang gore batho ba batle go reetsa molaetsa wa rona. Gore re kgone go dira jalo, mo setlhogong seno re tla tlotla ka dilo di le tharo tse di ka re thusang go tokafatsa tsela e re rutang ka yone mo bodireding.

AMEGA KA BATHO

3. Goreng batho ba le bantsi ba ne ba itumelela go reetsa Jesu?

3 Baebele e a re Jesu “o ne a itse se se mo pelong ya motho.” (Joh. 2:25) Mafoko ano a re bontsha gore Jesu o ne a itse se batho ba se akanyang le gore ke eng fa ba ne ba ikutlwa ka tsela nngwe. Jesu o ne a itse dilo tse batho ba neng ba di tlhoka, ka jalo o ne a bua ka dilo tse di neng di le botlhokwa mo go bone. O ne a itse gore batho ba tlhoka go kaelwa le go gomodiwa. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ba thatafaletsa botshelo ka go ba beela melao e mentsi. (Math. 9:36; 23:4) Ka jalo, Jesu o ile a thusa batho bao ka go ba ruta dilo tse di neng di tla tokafatsa matshelo a bone. Re kgona go bona seo mo Therong ya gagwe ya Kwa Thabeng. Batho ba le bantsi ba ne ba itumelela go reetsa Jesu ka gonne o ne a bua ka dilo tse ba neng ba amegile ka tsone.

4. Re ka bontsha jang gore re amega ka batho? (Bona le ditshwantsho.)

4 Re ka bontsha gore re amega ka batho ba re ba rerelang fa re leka go tlhaloganya dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone. Mongwe le mongwe yo re mo rerelang o diragalelwa ke dilo tse di botlhoko mo lefatsheng leno la ga Satane. Ka jalo, fa re nna re akantse ka kgang eno, go tla nna motlhofo gore re thuse batho ba tshimo ya rona. Ka sekai, re ka tswa re utlwile gore go na le sengwe se se diragetseng mo lefelong la bone le gore ba tshwenyegile ka eng. Batsadi bangwe ba ka tswa ba tshwenyegile ka gore bana ba bone ba ka diragalelwa ke sengwe se se utlwisang botlhoko kwa sekolong. Batho bangwe ba ka tswa ba sa bone ditiro. Leka go akanya gore botshelo jwa batho bano bo ka tswa bo le thata go le kana kang fa ba ntse ba lebana le ‘dinako tseno tse di thata’ mme ba se na tsholofelo e Baebele e re nayang yone.​—2 Tim. 3:1; Isa. 65:13, 14.

Ditshwantsho: Fa kgaitsadi a ipaakanyetsa go ya tshimong o akanyetsa kwa teng ka maemo a a farologaneng a batho ba mo tshimong ya gagwe. 1. Mmê o sireletsa morwawe fa monna mongwe a batla go ba itaya. 2. Lekgarebe lengwe le goga motsoko. 3. Mmêmogolo mongwe o bolelelwa dikgang tse di sa itumediseng ka botsogo jwa gagwe.

Akanya ka dilo tse batho ba o ba rutang ba tshwenyegileng ka tsone, go tswa foo bontsha gore o amega ka bone (Bona serapa 4)


5. Jesu o ne a farologane jang le Bafarasai? (Mathaio 11:28-30)

5 Jesu o ne a amega ka batho ba a neng a ba rerela. Tsela e a neng a ba tshwara ka yone e ne e dira gore ba lemoge seo. O ne a sa tshwane le Bafarasai ba ba neng ba tseela batho kwa tlase e bile ba sa ba tshware sentle. (Math. 23:13; Joh. 7:49) Jesu o ne a tlotla batho e bile a le pelonomi mo go bone. O ne a le ‘bonolo e bile a le boikokobetso,’ mme seo se ne se dira gore a atlege fa a ruta. (Bala Mathaio 11:28-30.) Le rona re tshwanetse go tlotla batho ba re ba rerelang re bo re nne pelonomi mo go bone.

6. Re ka bontsha jang gore re tlotla batho ba ba sa batleng go reetsa molaetsa wa rona le gore re pelonomi?

6 Batho bangwe ga ba batle go reetsa molaetsa wa rona e bile ba bangwe ba a re galefela. Re tshwanetse go dira eng? Jesu ga a ka a re bolelela fela se re tshwanetseng go se dira fa batho ba re ganetsa. Gape o ne a re ‘re direle ba ba re tlhoileng dilo tse di molemo re segofatse ba ba re hutsang, e bile re rapelele ba ba re tlhapatsang.’ (Luke 6:27, 28) Go tla nna motlhofo gore re dire jalo fa re gopola gore go ka tswa go na le lebaka la go bo ba sa batle go re reetsa. Ke boammaaruri gore batho ba bangwe ba ikemiseditse go re ganetsa. Mme gone, ba bangwe bone ba ka tswa ba sa batle go bua le rona ka gonne ba na le mathata a lelapa kgotsa ba tshwenyegile ka sengwe. Kgotsa gongwe re ka tswa re ba etetse ka nako e dilo di sa ba tsamaeleng sentle mo botshelong. Mo maemong ao otlhe, re tshwanetse go leka ka natla gore ka metlha “mafoko a [re] a buang e nne a a itumedisang, a lokilwe ka letswai gore [re] itse kafa [re] tshwanetseng go araba mongwe le mongwe ka gone.” (Bakol. 4:6) Fa re tlhomogela batho pelo e bile re tlhaloganya dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone, ga re ka ke ra kgopisega fa ba sa batle go bua le rona e bile seo se tla re thusa gore re atlege fa re ba ruta.

DIRISA BAEBELE

7. Jesu o ile a bontsha jang gore o ikaega ka Lefoko la Modimo fa a ruta? (Johane 7:14-16)

7 Jesu o ne a sa rute batho dilo tse a neng a di ikakanyetsa. O ne a ba bolelela se se mo Dikwalong le gore se ka ba thusa jang mo matshelong a bone. Gape o ne a ba ruta ka tsela e e motlhofo gore ba kgone go tlhaloganya le go gopola dilo tse a ba rutileng tsone. Baebele e re bolelela gore Jesu o ne a ruta “jaaka motho yo o nang le taolo, mme e seng jaaka bakwadi.” Batho “ba ne ba gakgamadiwa” ke seo. (Mar. 1:22; bona ntlha ya go ithuta e e reng, “not as the scribes” e e mo Baebeleng ya Seesemane.) Bakwadi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba ruta batho se baeteledipele ba bodumedi ba ba tumileng ba neng ba se bua. Mme Jesu ene o ne a bolelela batho se se mo Dikwalong. Le fa a ne a nna kwa legodimong le Modimo pele ga foo, o ne a sa leke go kgatlha batho ka go ba bolelela dilo tse dintsintsi tse a neng a di itse kgotsa ka go dira gore ba ikutlwe e se batho ba sepe. Go na le moo, o ne a ba ruta a dirisa Lefoko la Modimo e bile a ba bolelela se Modimo a batlang gore ba se dire. (Bala Johane 7:14-16.) Ruri Jesu o tlhometse balatedi ba gagwe sekao se sentle!

8. Moaposetoloi Petere o ile a etsa sekao sa ga Jesu jang?

8 Barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba dirisa Lefoko la Modimo fa ba ruta ba bangwe. Ka sekai, akanya ka puo e moaposetoloi Petere a ileng a e neela ka Pentekosete ya 33 C.E. Petere o ne a sa rutega, mme gone o ile a dirisa Dikwalo di le dintsi go tlhalosa sentle kafa Jesu a ileng a diragatsa se Jehofa a ileng a se bolelela pele. (Dit. 2:14-37) Go ile ga felela jang? “Ba ba neng ba amogela molaetsa wa ga Petere ka boitumelo ba ne ba kolobediwa, mme mo letsatsing leo phuthego e ne ya oketsega ka batho ba ka nna 3 000.”​—Dit. 2:41.

9. Goreng re tshwanetse go dirisa Lefoko la Modimo fa re ruta batho?

9 Baebele ke yone fela e e nang le bokgoni jwa go thusa batho go dira diphetogo mo botshelong gore ba itumedise Modimo. (Baheb. 4:12) Ka jalo, re tshwanetse go e dirisa fa re ba ruta. Re batla go “rera lefoko,” e seng go bua dilo tse re di ikakanyetsang. (2 Tim. 4:2) Diane 2:6 e a re: “Jehofa o naya botlhale; kitso le temogo di tswa mo molomong wa gagwe.” Ka jalo, fa re ruta se se mo Lefokong la Modimo, re letla batho gore ba reetse se Jehofa a se buang. (Mal. 2:7) Re batla gore batho ba itse gore kgakololo e e mo Baebeleng e gaisa kgakololo epe fela e batho ba ka re nayang yone. Se Baebele e se rutang se tswa kwa Mmoping wa rona e bile se re thusa gore re mo itumedise le gore re itumelele botshelo.​—2 Tim. 3:16, 17.

10. Re ka thusa jang motho yo re mo rutang go tlhaloganya gore se a se ithutang se tswa mo Baebeleng?

10 Fa o ipaakanyetsa go tshwarela mongwe thuto ya Baebele, akanya ka ditemana tse o tla di dirisang go mo thusa go tlhaloganya gore se a se ithutang se tswa mo Baebeleng. Motho yo o mo rutang o tshwanetse go tlhaloganya gore le fa gone re dirisa ditshwantsho le dibidio go ithuta, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go se Baebele e se rutang. Ka jalo ka nako ya thuto, balang ditemana tse di tla mo thusang go tlhaloganya dintlha tsa botlhokwa. Go tswa foo mo thuse gore a akanye gore a ka ithuta dithuto dife mo ditemaneng tseo. Tota le fa o dirisa ditshwantsho le dibidio, mo thuse go lemoga melaometheo e e mo Baebeleng. Seno ga se reye gore o tshwanetse go bua thata kgotsa go bala temana nngwe le nngwe e e tlhagang mo thutong. Go na le moo, mo neye nako ya go akanya ka temana eo le go tlhaloganya gore e kaya eng. Ka dinako dingwe, a ka tlhoka go bala temana eo gape. Fa re dira jalo, re tla bo re sa rute motho buka, setshwantsho kgotsa bidio, mme re tla bo re mo ruta se se mo Baebeleng.​—1 Bakor. 2:13.

11-12. (a) Re ka bontsha jang gore re pelotelele le batho ba re ba rutang Baebele? (Ditiro 17:1-4) (Bona le setshwantsho.) (b) Ke eng se batho bangwe ba ka tswang ba sa se itse ka Baebele, mme re ka ba thusa jang?

11 Ka dinako dingwe go ka nna thata gore moithuti a tlhaloganye boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Fa seo se direga, tswelela o mo ruta “o le pelotelele.” Batho ga ba gatele pele ka go tshwana. Batho bangwe ba re ba rutang Baebele ba ka tlhoka nako e e oketsegileng gore ba tlhaloganye dithuto dingwe tse rona re di tlhalogantseng motlhofo fela. Paulo o ile a tshwanelwa ke go tlhalosetsa Bajuda ba kwa Thesalonika Dikwalo ka makgetlo a le mantsi pele bangwe ba bone ba tlhaloganya se a neng a se ba ruta.​—Bala Ditiro 17:1-4.

12 Tsela nngwe e re ka bontshang ka yone gore re pelotelele, ke ka go botsa batho ba re ba rutang dipotso re bo re ba letla go araba. Leka go ba reetsa ka kelotlhoko le go tlhaloganya gore ba akanya eng ka kgang nngwe. Go tswa foo, bala ditemana dingwe tse di tla ba thusang go tlhaloganya gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang nngwe lo bo lo tlotla ka tsone. Gape akanya ka seno: Batho bangwe ba ka tswa ba sa tlwaelana le Baebele kgotsa ba sa itse gore e bua ka eng. O ka ba bontsha Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e printilweng, o bo o ya kwa tshimologong mo setlhogong se se reng “Se se Mo Lefokong la Modimo,” gore o ba bontshe gore Baebele e bua ka eng. Gape o ka dirisa temana e le nngwe kgotsa di le pedi tse di mo potso 15 go ba tlhalosetsa gore Baebele e ka ba thusa gore ba itumele. Ka bokhutshwane fela re ka re, fa o thusa batho ba o ba rutang go lemoga gore Baebele e ka ba tswela mosola mo botshelong, ba tla kgona go dirisa se ba se ithutang e bile ba tla batla go ithuta mo go oketsegileng.

Kgaitsadi yo o tlhagang mo setshwantshong se se fetileng, o ruta lekgarebe le le neng le goga motsoko Baebele ba ntse kwa ntle mo setulong. Kgaitsadi o mo reeditse ka tlhoafalo fa a mmolelela gore o ikutlwa jang.

Motho yo o nang le bokgoni jwa go ruta ga a bue thata, go na le moo o a reetsa (Bona serapa 11-12)


BA THUSE GO TLHOMA MOGOPOLO MO GO JEHOFA

13. Fa re ruta, re tshwanetse go bua ka mang thata? Naya sekai.

13 Boikaelelo jwa rona ke go thusa batho gore ba itse Jehofa le gore ba atamalane le ene. (Jak. 4:8) Ka sekai, re ka tshwantsha tiro ya rona le e e dirwang ke motho yo o tsayang dinepe kwa lenyalong. Ka letsatsi la lenyalo, ga a amege ka gore a itseye dinepe. Go na le moo, o amega thata ka go tsaya banyadi dinepe le se se diregang kwa lenyalong. Ka tsela e e tshwanang, le rona fa re ruta ga re batle gore batho ba tlhome mogopolo mo go rona, go na le moo re batla gore ba akanye thata ka Jehofa.

14. Re ka thusa jang motho yo re mo rutang gore a itumedise Jehofa?

14 Fa o ithuta le mongwe, mo thuse gore a batle go itumedisa Jehofa. (Diane 27:11) O se ka wa mo ruta fela se a tshwanetseng go se dira le se a sa tshwanelang go se dira gore e nne Mosupi wa ga Jehofa. Go na le moo, mo thuse gore a dire diphetogo mo botshelong ka gonne a batla go itumedisa Jehofa. Ka sekai, fa e le gore motho yo o mo rutang ga a kgone go tlogela mokgwa mongwe o o sa siamang, mmotse dipotso tse di jaaka tseno: “Goreng Jehofa a tlhoile mokgwa ono? Goreng Jehofa a batla gore o tlogele sengwe se o se ratang? Se Jehofa a batlang gore o se dire, se bontsha jang gore o a go rata?” Fa o rotloetsa motho yo o mo rutang gore a akanye ka Jehofa, o tla lemoga gore Jehofa o mo rata fela thata. Mme seo se tla dira gore a batle go mo itumedisa.

TSWELELA O TOKAFATSA TSELA E O RUTANG KA YONE

15. O ka nna o tokafatsa jang tsela e o rutang ka yone?

15 O ka kopa Jehofa gore a go thuse go lemoga gore ke eng se o tlhokang go se dira go tokafatsa tsela e o rutang ka yone. (1 Joh. 5:14) Fa o sena go rapela, o tshwanetse go dira go dumalana le dithapelo tsa gago ka go reetsa ka tlhoafalo kwa dipokanong fa Jehofa a re katisetsa go ruta ba bangwe, go tswa foo o bo o dirisa se o se ithutileng. O ka kopa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o nang le bokgoni jwa go ruta gore a tsamaye le wena fa o ya go ruta mongwe. Morago ga moo, o ka mmotsa gore o ka tokafatsa fa kae. Gape, gopola gore le fa o itse se lo tlotlang ka sone, motho yo o mo rutang ene a ka tswa a sa se itse. Ka jalo, leka go akanya gore a ka ikutlwa jang ka se lo tla tlotlang ka sone. Fa lo ntse lo ithuta, mo thuse go lemoga gore se a se ithutang se mo tswela mosola jang le gore ke dilo dife tse Jehofa a solofetsang gore o tla re direla tsone. Seo se tla dira gore a atamalane le Jehofa le gore a itumele.​—Pes. 1:1-3.

16. Go tokafatsa tsela e re rutang ka yone go tla re tswela mosola jang?

16 Go ruta batho ba bangwe ka Jehofa, ke sengwe sa dilo tse di itumedisang thata. Tota e bile, re tlile go dira tiro eno thata kwa lefatsheng le lesha. Ka jalo, fa re ntse re rera dikgang tse di molemo, a re tsweleleng re amega ka batho ba re ba rerelang, re dirise Lefoko la Modimo re bo re ba thuse go tlhoma mogopolo mo go Jehofa. Fa re dira jalo, re tla kgona go tokafatsa tsela e re rutang ka yone mo bodireding.

O KA BONTSHA JANG GORE . . .

  • o amega ka batho ba o ba rutang?

  • o dirisa Lefoko la Modimo?

  • o thusa batho go itse Jehofa?

PINA 65 Gatelang Pele!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela