BOTSHELO JWA BOKERESETE
Re ka Ithuta Eng mo Bakereseteng ba ba Nnang le Maitemogelo?
Mo diphuthegong tsa rona go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ntseng ba direla Jehofa dingwaga di le dintsi. Re ka ithuta gore ba ile ba ikaega jang mo go Jehofa fa ba ne ba na le mathata. Re ka ba botsa ka hisitori ya phuthego ya ga Jehofa le gore Jehofa o ba thusitse jang go itshokela mathata a ba neng ba nna le one. E bile re ka ba laletsa go tla kwa Kobamelong ya Lelapa gore ba tle ba re tlotlele ka maitemogelo a bone.
Fa e le gore o na le dingwaga di le dintsi o ntse o direla Jehofa, bolelela basha gore Jehofa o go thusitse jang. Jakobe le Josefa ba ile ba bolelela ba masika a bone ka dilo tse Jehofa a ba diretseng tsone. (Ge 48:21, 22; 50:24, 25) Moragonyana, Jehofa o ile a bolelela ditlhogo tsa malapa gore ba rute bana ba bone ka ditiro tsa gagwe. (Dut 4:9, 10; Pes 78:4-7) Mo nakong ya rona, batsadi le ba bangwe mo phuthegong ba ka bolela basha ka dilo tse di molemo tse Jehofa a di fitlheletseng a dirisa phuthego ya gagwe.
LEBANG BIDIO YA, GO TSWELELA RE LE SEOPOSENGWE LE FA TIRO YA RONA E THIBETSWE, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Bakaulengwe ba kwa Austria ba ile ba thusa jang bakaulengwe kwa dinageng tse tiro ya go rera e neng e thibetswe kwa go tsone?
Ke eng se se ileng sa nonotsha tumelo ya bakaulengwe ba mo dinageng tseno?
Ke eng se se dirileng gore baboledi ba kwa Romania ba tlogele phuthego ya ga Jehofa, mme ba ile ba boela jang?
Maitemogelo ano a nonotshitse tumelo ya gago jang?
Ithute mo Bakereseteng ba ba godileng dilo tse di ka go thusang go nonotsha tumelo ya gago mo go Jehofa!