Ithute mo Baboleding ba ba Nang le Maitemogelo
Re anaanela thata baboledi ba ba nang le maitemogelo ba re nang le bone mo phuthegong. Bangwe ba bone ba na le dingwagangwaga ba ntse ba direla Jehofa. Mme bangwe ba ka tswa ba nnile le bokgoni jwa go ruta mo tshimong bosheng jaana. Baboledi bano ba bone kafa Jesu a kaelang phuthego ya Bokeresete ka gone mo metlheng eno ya bofelo ka go dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go rera le ya go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) E re ka ba nna le seabe mo bodireding, Modimo o ba naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore ba lebane le dikgwetlho le diteko dipe fela. (2 Bakor. 4:7) Re ka ithuta go le gontsi mo baboleding bano. Ba dirisa tshono epe fela e ba nnang le yone go ruta ba bangwe ka dilo tse ba ithutileng tsone. (Pes. 71:18) Ka jalo, re tshwanetse go ipha nako ya go ithuta mo go bone. Re ka dira seo jang?
Mo Bodireding. Baboledi ba basha kgotsa ba ba se nang maitemogelo ba tlhoka go thapisiwa. Re ka solegelwa molemo ke go ela tlhoko tsela e baboledi ba ba nang le maitemogelo ba rerang ka yone. (Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa February 15, 2015, mo setlhogong se se reng, “Nna o Tlhagafetse mo Bodireding,” mme o lebe serapa sa boraro mo setlhogwaneng se se reng, “Thusa Baboledi Ba ba Sa Tswang go Kolobediwa.”) O ithutile eng fa o ne o bereka le bone mo tshimong?
Laletsa mmoledi yo o nang le maitemogelo gore a bereke le wena mo tshimong. Fa e le gore mmoledi yono o a lwala kgotsa o tsofetse, gongwe ka dinako tse dingwe o ka tshwarela thuto ya gago ya Baebele kwa ntlong ya gagwe. Fa o sena go tshwara thuto ya Baebele, botsa mmoledi yono gore ke kae mo o tlhokang go tokafatsa gone.
Iphe Nako Ya go Ba Itse Botoka: Fetsa nako le baboledi ba ba nang le maitemogelo gore o ba itse botoka. Laletsa mongwe wa bone mo kobamelong ya lona ya lelapa mme lo mmotsolotse. Fa e le gore mmoledi yono o a lwala kgotsa o tsofetse, a o ka dira dithulaganyo tsa gore lo ye go tshwarela kobamelo ya lelapa kwa legaeng la gagwe? Mmotseng gore o amogetse boammaaruri jang. O bone masego afe? O bone diphetogo dife mo phuthegong ya lona? Go direla Jehofa go mo tliseditse boitumelo jang?
Se lebelele gore ba go thuse ka sengwe le sengwe. Le bone, fela jaaka rona, ba na le bokgoni jo bo farologaneng mo bodireding. (Bar. 12:6-8) Bangwe ba bone ba godile thata e bile ba ka tswa ba sa kgone go fetsa nako e ntsi le rona. Mme gone, re ka ithuta dilo tse dintsi mo go bone ka gonne ba na le lobaka lo loleele ba direla Jehofa ka boikanyegi.