June 22-28
EKESODO 1-3
Pina 7 le Thapelo
Matseno (1 mots.)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Ke Tla Nna se ke Tla Nnang Sone”: (10 mets.)
[Tshameka bidio ya Se se Mo Bukeng ya Ekesodo.]
Ek 3:13—Moshe o ne a batla go itse gore leina Jehofa le kaya eng le gore ke mang (w13 3/15 25 ¶4)
Ek 3:14—Jehofa a ka nna sengwe le sengwe gore a diragatse maikaelelo a gagwe (kr 43, lebokoso)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (10 mets.)
Ek 2:10—Goreng re akanya gore morwadia Faro o ile a tsaya Moshe gore e nne ngwana wa gagwe? (g04 4/8 6 ¶5)
Ek 3:1—Jethero e ne e le moperesiti yo ntseng jang? (w04 3/15 24 ¶4)
Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke matlotlo afe a o ka ratang go tlotla ka one ka Jehofa Modimo, a o ka a dirisang mo tshimong, kgotsa matlotlo a mangwe a o a ithutileng?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Ek 2:11-25 (th thuto 11)
TLHAGAFALELA BODIREDI
Loeto Lwa Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Bontsha gore o ka araba jang motho yo o buang sengwe go lo thibela go rera. (th thuto 16)
Loeto Lwa go Boela: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Go tswa foo, naya mong wa ntlo makasine o o buang ka kgang e a neng a tlotla ka yone. (th thuto 12)
Puo: (5 mets. kgotsa kwa tlase) w02 6/15 11 ¶1-4—Setlhogo: Sengwe se se Botoka go Gaisa Dikhumo Tsa Kwa Egepeto. (th thuto 13)
BOTSHELO JWA BOKERESETE
Nna Tsala ya ga Jehofa—Leina la ga Jehofa: (6 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno. Go tswa foo, fa go kgonega laletsa bana go tla kwa seraleng o bo o ba botsa dipotso tseno: Leina la ga Jehofa le kaya eng? Ke eng se Jehofa a se bopileng? Jehofa a ka go thusa jang?
Leina la Modimo le a Tlotlomadiwa kwa Scandinavia: (9 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tseno: Goreng batho ba bangwe ba ne ba sa itse leina la Modimo pele ga ngwaga wa bo 1500? Leina Jehofa le ile la simolola go dirisiwa jang kwa Scandinavia? Goreng o rata Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo?
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) ia kgao. 13, ser. 1-12
Dintlha Tse di Konelang (3 mets. kgotsa kwa tlase)
Pina 89 le Thapelo