Go simologa mo kgweding eno, Bukana ya Botshelo le Bodiredi ga e kitla e tlhola e nna le karolo ya dipuisano tse re ka di dirisang. Mo boemong jwa yone go tla nna le karolo ya se re ka se buang mo bodireding mme e tla nna le potso, temana le potso e re ka e arabang fa re boela kwa mothong yo o bontshitseng kgatlhego. Mo karolong ya se re ka se buang mo bodireding, go tla tshamekiwa bidio e le nngwe fela mo bekeng. Mmoledi mongwe le mongwe o tla itlhophela gore ke kgatiso efe e a batlang go e dirisa, e ka tswa e le mo loetong lwa ntlha kgotsa fa a boela kwa mothong. Mo godimo ga moo, re tla newa dikakantsho di le pedi tsa dipotso tse re ka di botsang fa re boela kwa mothong mo lekgetlong la ntlha le la bobedi. Thulaganyo eno e ntšha e tla re thusa gore re kgone tlhoma mogopolo mo go ruteng ‘botlhe ba ba nang le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.’—Dit 13:48.
Karolo ya Tlhagafalela Bodiredi: Ntle le fa go na le ditaelo tse dingwe, ba ba nang le seabe mo pokanong eno ba tshwanetse go dirisa dikakantsho tse di mo karolong ya se re ka se buang mo bodireding.