BOTSHELO JWA BOKERESETE
O ka Dirisa Jang Karolo ya Se re Ka se Buang mo Bodireding?
Go tsewa matsapa a go dira dipotso tsa karolo ya se re ka se buang mo bodireding mme dipotso tseno di ile tsa thusa baboledi ba le bantsi go simolola motlotlo le batho. Maemo mo lefatsheng ga a tshwane, ka jalo baboledi ba ka simolola motlotlo kgotsa ba bua ka sengwe se batho mo lefelong la bone ba ratang go bua ka sone fa ba le mo bodireding. Mme gone, ka nako ya letsholo le le kgethegileng baboledi ba tshwanetse go latela ditaelo tsotlhe. Boikaelelo jwa rona ke go dirisa taelo ya ga Jesu ya gore re rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi.—Mat 24:14.
Fa baboledi ba dira dikabelo tsa bone, ba tshwanetse go dirisa kgang e go buiwang ka yone mo karolong ya se re ka se buang mo bodireding mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi (ka sekai, mo kgweding ya July le August, kgang e go buiwang ka yone ke ya boikaelelo jwa Modimo ka batho). Ntle le fa go na le ditaelo tse di rileng, baboledi ba ka dirisa dipotso tse di farologaneng, ditemana, diseting kgotsa dipotso tse ba ka tlotlang ka tsone fa ba boa gape tse di ka thusang batho mo bodireding. Tshedimosetso eno e fetola se se neng sa buiwa mo bukaneng ya pokano ya June 2020, tsebe 8.