Thulaganyo ya Beke ya April 27
BEKE E E SIMOLOLANG KA APRIL 27
Pina 1 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 23 ¶19-23, lebokose le le mo ts. 239 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 1 Samuele 26-31 (8 mets.)
Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo (20 mets.)
Pokano ya Tirelo:
Setlhogo sa Kgwedi: Tsamayang jaaka ba ba botlhale ka go “ithekela nako e e lo siametseng.”—Baef. 5:15, 16.
7 mets: “Go Naya Batho Taletso.” Dipotso le dikarabo. Fa lo tlotla ka serapa 3, dira gore go dirwe pontsho ya kafa taletso e ka tsamaisiwang ka gone.
10 mets: “Dikgakololo Tsa Kopano.” Motlotlo ka mokwaledi. Tlotla ka melaometheo ya Baebele e e tlhomolotsweng le kafa e ka dirisiwang ka gone kwa kopanong ya tikologo ya 2015. Gape tlotla ka dintlha tse di tshwanelang tsa lekwalo le le kwaletsweng diphuthego tsotlhe la August 3, 2013, le le malebana le ditlhagiso tsa tshireletsego kwa dikopanong.
13 mets: “Dirisa Maatla a Lefoko la Modimo mo Bodireding Jwa Gago.” Motlotlo. Fa lo sena go tlotla ka setlhogo seno, dira gore go dirwe pontsho e khutshwane ya dikarolo tse pedi. Ya ntlha, mmoledi o tsamaisetsa mong wa ntlo boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo a nopola dikarolo dingwe tsa 2 Timotheo 3:16, 17 a sa bula Baebele. Go tswa foo, mmoledi o dira se se tshwanang mme mo lekgetlong leno a bala temana ka tlhamalalo mo Baebeleng. Kopa bareetsi go akgela gore ke eng fa pontsho ya bobedi e ka nna le diphelelo tse di molemo.
Pina 124 le Thapelo