Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka April 27, 2015. Letlha le ntlha nngwe le nngwe e sekasekilweng ka lone le akareditswe e le gore go dirwe patlisiso fa go baakanyediwa sekolo beke nngwe le nngwe.
Lorato lo lo ikanyegang ke lo lo ntseng jang, mme lo tlhokega thata mo dikarolong dife tsa botshelo? (Ruthe 1:16, 17) [Mar. 2, w12 7/1 ts. 26 ser. 6]
Go tlile jang gore Ruthe a itsege e le “mosadi yo o molemo thata”? (Ruthe 3:11) [Mar. 2, w12 10/1 ts. 23 ser. 1]
Fa re lebana le mathata, sekao sa ga Hana se ka re solegela molemo jang? (1 Sam. 1:16-18) [Mar. 9, w07 3/15 ts. 16 ser. 4-5]
Fa Samuele a sa le mosimanyana “a gola fa pele ga ga Jehofa,” o ne a sirelediwa ke eng mo sekaong se se sa siamang sa bomorwa Eli? (1 Sam. 2:21) [Mar. 9, w10 10/1 ts. 16 ser. 2-3]
Re ka solegelwa molemo jang ke tsela e Saulo a neng a itshwara ka yone fa “banna ba ba se nang molemo wa sepe” ba sa mo amogele e le kgosi? (1 Sam. 10:22, 27) [Mar. 23, w05 3/15 ts. 23 ser. 1]
Re ka ithuta eng mo tseleng e e phoso e Saulo a neng a akanya ka yone malebana le gore go ntsha ditlhabelo go botoka go na le go utlwa Jehofa? (1 Sam. 15:22, 23) [Mar. 30, w07 6/15 ts. 26 ser. 3-4]
Goreng go kgothatsa go itse gore Jehofa “o bona se pelo e leng sone”? (1 Sam. 16:7) [Apr. 6, w10 3/1 ts. 23 ser. 7]
Diane 1:4 ya re Jehofa o lebeletse gore re dirise eng fa re lebana le maemo a a thata? (1 Sam. 21:12, 13) [Apr. 13, w05 3/15 ts. 24 ser. 4]
Ke eng fa go ka twe Abigaile o ne a sa tsuologele botlhogo jwa monna wa gagwe fa a ne a naya Dafide le banna ba gagwe dijo? (1 Sam. 25:10, 11, 18, 19) [Apr. 20, w09 7/1 ts. 20 ser. 3]
Abigaile o ne a kopa maitshwarelo ka sengwe se a sa se dirang. Sekao sa gagwe se ka re solegela molemo jang? (1 Sam. 25:24) [Apr. 20, w02 11/1 ts. 5 ser. 1, 4]