Dikai Tsa Dipuisano
Tora ya Tebelo Ferikgong 1
“Go lebega bonweenwee jwa puso e le bothata jo bo sa bolong go nna teng. O akanya gore ke eng go le jalo? [Mo letle gore a arabe.] Ke kgatlhilwe ke se Baebele e se buang mono. [Bala Moreri 7:20.] Makasine ono o bontsha dilo tse Baebele e reng di tla dirwa go rarabolola bothata jwa bonweenwee. Tsweetswee iphe nako ya go o bala. Makasine wa gago ke ono.”
Tsogang! Ferikgong
“Batho ba bantsi ba tsaya gore thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe e tlhalosa gore botshelo bo simologile jang mme ba bangwe ga ba a tlhomamisega. O akanya gore botshelo bo simologile jang? [Mo letle gore a arabe.] Dipatlisiso tse di dirilweng ka masome a dingwaga di bontsha gore botshelo bo tlhodilwe ke mongwe yo o sa bolong go nna teng. Seo se dumalana le ntlha eno e e mo Baebeleng. [Bala Pesalema 36:9.] Makasine ono o tlhalosa lebaka la go bo batho ba bantsi ba sweditse ka gore tsela e botshelo bo raraaneng e bile bo gakgamatsang ka yone bo ka se ka jwa bo bo tswa mo ditsheding tse dingwe.”