Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka Sedimonthole: Totatota Baebele e Ruta Eng? kgotsa dipampitshana dipe fela tse di ka tswang di le teng mo setokong sa phuthego. Diphuthego tse di nang le dipampitshana tsa bogologolo di tshwanetse go leka ka natla go di tsamaisa mme di se ka tsa di boloka mo setokong. Ferikgong le Tlhakole: Tsamaisa nngwe ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe di le 32: Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!, Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri, Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? Mopitlwe le Moranang: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
◼ Segopotso sa 2016 se tla tshwarwa ka Laboraro, Mopitlwe 23, 2016.
◼ Go simolola ka Ferikgong 1, 2015, go ka se tlhole go nna le thulaganyo ya go simolola dithuto tsa Baebele ka Matlhatso wa ntlha wa kgwedi. Go na le moo, baboledi ba ka tsamaisa dimakasine jaaka ba dira ka boMatlhatso ba bangwe mo kgweding. Re ka simolola dithuto tsa Baebele nako nngwe le nngwe mo kgweding re dirisa dimakasine kgotsa dikgatiso dipe fela tsa go tshwara dithuto tsa Baebele.