Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Ka Phatwe baboledi ba ba mo tshimong e e tlhokometsweng ke lekala la rona ba dirile tiro e e duleng diatla. Seno se ne sa felela ka gore Afrika Borwa e bege dithuto tsa Baebele di le 150 872 le babulatsela ba ka metlha ba le 11 268. Kwa Botswana go tsamaisitswe dibukana le diboroutšhara di le 31 241. Baboledi kwa Lesotho ba dirile maeto a go boela a le 28 342 ba bo ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 7 945. Baboledi ba le 116 ba kwa St. Helena ba tsamaisitse dimakasine di le 1 257. Re a lo akgola bakaulengwe le bokgaitsadi, ruri Jehofa o tla segofatsa tiro ya lona e lo e dirang ka moya otlhe!—Bakol. 3:23, 24.