Thulaganyo ya Beke ya Ferikgong 5
BEKE E E SIMOLOLANG KA FERIKGONG 5, 2015
Pina 113 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 18 ¶9-19 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Joshua 16-20 (8 mets.)
No. 1: Joshua 17:11-18 (3 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Modimo ke Mang?—igw ts. 2 ¶1-3 (5 mets.)
No. 3: Kgosi Ahabe—Setlhogo: Baikepi Ga ba Ka ke Ba Nna le Kagiso—it-1-E ts. 59-60, kgotsa kgatiso epe fela (5 mets.)
Pokano ya Tirelo:
Setlhogo sa Kgwedi: Go ntsha “dilo tse di molemo” mo letlotlong le re le neilweng.—Math. 12:35a.
30 mets: “Dipina Tse Disha Tsa Kobamelo!” Motlotlo. Fa lo tlotla ka serapa 6, dira gore phuthego e lelediwe pina e e rekotilweng ya diletswa fela ya “Bogosi bo a Busa—A bo Tle!” Go tswa foo, kopa bareetsi gore ba eme mme go opelwe pina e ntšha. Go ka nna molemo go opela pina eno gabedi gore phuthego e e itse.
Pina e ntšha “Bogosi bo a Busa—A bo Tle!” le Thapelo