Thulaganyo ya Beke ya Diphalane 13
BEKE E E SIMOLOLANG KA DIPHALANE 13
Pina 8 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 14 ¶10-15 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Duteronome 4-6 (10 mets.)
No. 1: Duteronome 4:29-43 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Diphetogo Tse Motho a Tshwanetseng go di Dira Gore a Itumedise Modimo—rs ts. 117 ¶1–ts. 118 ¶1 (5 mets.)
No. 3: Se Baebele e se Buang ka Bosodoma—rs ts. 116 ¶3-5 (5 mets.)
Pokano ya Tirelo:
5 mets: Go Rera ka Potlako go Kaya Eng? Puo e e neelwang ka matlhagatlhaga e e theilweng mo go 2 Timotheo 4:2. Dirisa tshedimosetso e e mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15, 2012, tsebe 16-17, serapa 7-9.
10 mets: Ke Eng fa go Rera ga Rona go Potlakile? Puo ka mogolwane e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15, 2012, tsebe 15-16, serapa 3-6 le tsebe 18, serapa 14-18. Bontsha kafa go dirisa kaelo e e mo motseletseleng wa ditlhogo tsa Tirelo ya Bogosi tsa “Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding” go ka re thusang ka gone go rera re na le boikutlo jwa go potlaka.
15 mets: “Dirisa Ditshono Tse o Nang le Tsone go Anamisa Molaetsa wa Bogosi!” Dipotso le dikarabo. Fa lo tlotla ka serapa 3, kopa bareetsi go anela maitemogelo a fa ba ne ba neela bosupi ba se mo bodireding. Konela ka go bua ka setlhogo sa kgwedi. Kgothaletsa bareetsi go bala ditlhogo tse pedi tsa “Puisano le Moagelani” tse di tla sekasekiwang mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e tlang.
Pina 97 le Thapelo