Thulaganyo ya Beke ya Ferikgong 20
BEKE E E SIMOLOLANG KA FERIKGONG 20
Pina 34 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 1 ¶18-23, lebokose le le mo ts. 14 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Genesise 11-16 (10 mets.)
No. 1: Genesise 14:17–15:11 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Fa Mongwe a re, ‘Ke Eng se se Dirang Gore o Akanye Gore Go na Le Bodumedi bo le Bongwe jo bo Siameng?’—rs ts. 82 ¶3 (5 mets.)
No. 3: Abadona—Moengele wa Molete—Ke Mang?—it-1 ts. 12 (5 mets.)
Pokano ya Tirelo:
10 mets: Re Ithuta Eng? Motlotlo. Dira gore go balwe Mathaio 7:6-11. Sekasekang kafa ditemana tseno di ka re thusang ka gone mo bodireding jwa tshimo.
10 mets: Tlotlang ba ba Dirang ka Natla mo Gare ga Lona. (1 Bathes. 5:12, 13) Motlotlo o o theilweng mo dipotsong tse di latelang: (1) Bagolwane ba dira ka natla ka ditsela dife mo phuthegong? (2) Re ka bontsha bagolwane jang gore re ba tlotla ka tsela e e fetang e e tlwaelegileng? (3) Ke ka ntlha yang fa ba ba etelelang pele ba tlhoka kgothatso? (4) Re ka kgothatsa bagolwane le ba malapa a bone jang? (5) Go ikobela ba ba eteletseng pele go solegela phuthego mmogo le bagolwane molemo jang?
10 mets: “O se Ka wa Nna Mothusi yo o Didimalang Fela.” Dipotso le dikarabo. Kopa bareetsi go anela dintlha tse di thusang tse ba di ithutileng mo go mongwe yo ba neng ba dira le ene mo bodireding.
Pina 93 le Thapelo