Tsayang Baporofeti e le Sekao—Mika
1. Mika a ka tswa a ile a ipotsa potso efe, mme ke ka ntlha yang fa tiro ya gagwe ya go rera e ne e se ya lefela?
1 ‘Bofelo jwa tsamaiso eno e e bosula ya dilo bo tla felela bo tlile leng?’ Moporofeti Mika a ka tswa a ile a akanya ka potso e e ntseng jalo fa a ntse a bolela melaetsa ya ga Jehofa ya katlholo kgatlhanong le bogosi jwa Iseraele le jwa Juda. Le fa go ntse jalo, tiro ya gagwe ya go rera e ne e se ya lefela. Ka 740 B.C.E., fa Mika a ne a sa ntse a tshela, mafoko a ga Jehofa kgatlhanong le Samarea a ne a diragadiwa. (Mik. 1:6, 7) Moragonyana, Jerusalema e ne ya senngwa ka ngwaga wa 607 B.C.E. (Mik. 3:12) Re ka etsa Mika jang fa re ntse re emetse go diragadiwa ga dikatlholo tsa ga Jehofa mo motlheng wa rona?
2. Re bontsha bopelotelele jang fa re ntse re letile letsatsi la ga Jehofa, mme ka ntlha yang?
2 Nna Pelotelele: Mika o ne a kwala mafoko ano: “Fa e le nna, ke tla nna ke lebeletse Jehofa. Ke tla supa boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya me.” (Mik. 7:7) Gone ke boammaaruri gore Mika ga a ka a nna fela a sa dire sepe a letile gore bokhutlo bo tle. O ne a nna a tshwaregile e le moporofeti wa ga Jehofa. Fa re ntse re letile letsatsi la ga Jehofa, gape re tshwanetse go tshwarega ka ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.’ (2 Pet. 3:11, 12) Bopelotelele jwa ga Jehofa bo naya batho nako ya gore ba ikwatlhaye. (2 Pet. 3:9) Ka jalo, re tsaya tsia kgakololo ya Modimo ya gore re etse bopelotelele jwa baporofeti.—Jak. 5:10.
3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo?
3 Ikaege ka Maatla a ga Jehofa: Le fa Mika a ne a neilwe kabelo e e boima, o ne a ikaega ka Jehofa gore a bone maatla a go e diragatsa. (Mik. 3:8) Ke gone ka moo Lefoko la ga Jehofa le re rotloetsang gore re ikaege ka maatla a Modimo. O naya ba ba lapileng maatla ka bopelotshweu gore ba kgone go diragatsa maikarabelo a bone mo ditirong tse di direlwang puso ya Modimo. (Pes. 84:5, 7; Isa. 40:28-31) A o itemogetse seno fa o ntse o dira tirelo e e boitshepo? A o kopa Jehofa ka metlha gore a go thuse ka moya wa gagwe o o boitshepo o o maatla?—Luke 11:13.
4. Tsela e Mika a neng a tshela ka yone e re tlhomela sekao sefe se se molemolemo?
4 Mika o ne a baya go dira thato ya Modimo kwa pele mo botshelong jwa gagwe jotlhe. O ne a ititeile sehuba gore o tla nna a ikanyega le fa a ne a tshela le batho ba ba nang le boitshwaro jo bo bosula. Le rona bothokgami jwa rona bo lekwa letsatsi le letsatsi. Ka jalo, a re ititeyeng sehuba le go feta gore “re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”—Mik. 4:5.