LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/13 ts. 4
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
km 8/13 ts. 4

Dikitsiso

◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka August: Tsamaisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo ka tswang bo le teng mo setokong sa phuthego. September le October: Makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Fa o dira maeto a go boela, buelela buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa fa o bona go tshwanela go ya ka se motho a se kgatlhegelang, o ka mo naya boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri mme o leke go simolola thuto ya Baebele. November le December: Totatota Baebele e Ruta Eng? kgotsa A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? Fa motho a bontsha kgatlhego, mmontshe kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng o dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!

◼ Go simolola ka beke ya October 28, 2013, go tla ithutiwa boroutšhara jwa Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno? mo Thutong ya Baebele ya Phuthego. Fa boroutšhara jono bo sena go wediwa go tla ithutiwa buka ya Atamalana le Jehofa go simolola ka beke ya January 6, 2014. Diphuthego tse di tlhokang dibuka tseno di tshwanetse go tsenya kopo mo otareng ya tsone ya dibuka e e latelang.

◼ Go simolola ka September, balebedi ba potologo ba tla neela puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Kafa Lorato le Tumelo di Fenyang Lefatshe ka Teng.”

◼ Diphuthego tse di latelang di ile tsa ipelela go neela Diholo Tsa Bogosi tsa tsone tse disha. Gauteng: Soshanguve East. Lesotho: Maseru Ha Mabote. North West: Ikageng West.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela