LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/13 ts. 4
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Halloween e Simologile Kae?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Boammaaruri ka Halloween
    Tsogang!—2013
  • Boammaaruri ka Meletlo e e Tumileng
    Tsogang!—2001
  • Meletlo e e Tumileng—A e Itshiametse Fela?
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
km 8/13 ts. 4

Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka September

“Dumela. Re go etetse ka nako e khutshwane go go neela sedirisiwa se se ka ikanngwang se se thusang banyalani go dira gore manyalo a bone a atlege. Go ya ka wena, ke selo sefe se gantsi se dirang gore manyalo a se ka a itumela?” [Mo letle gore a arabe.] Mmontshe setlhogo se se ka fa morago mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 1, mme lo sekaseke mmogo tshedimosetso e e ka fa tlase ga potso ya ntlha le temana le fa e ka nna nngwe fela e e umakilweng. Mo tsamaisetse dimakasine, o bo o dira dithulaganyo tsa gore o boe gore lo tle go tlotla ka potso e e latelang.

Tora ya Tebelo September 1

“Re go etetse ka gonne batho ba le bantsi mo lefelong la rona ba ipotsa gore ke eng fa Modimo a letleletse pogo e e kana kana. A o kile wa ipotsa potso eo? [Mo letle gore a arabe.] Go a kgatlha gore Baebele e solofetsa gore nako nngwe khutsafalo le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le teng. [Bala Tshenolo 21:4.] Makasine ono o sekaseka mabaka a le matlhano a konokono a go bo go na le pogo e e kana kana. Gape o tlhalosa gore Baebele ya reng malebana le kafa Modimo a tla fedisang pogo ka teng.”

Tsogang! September

“Re fano go tla go go neela tshedimosetso malebana le holitei e e tumileng e e ntseng e atamela—Halloween. Bangwe ba sweditse ka gore ba se ka ba e keteka ka ntlha ya ditlhagiso tse di jaaka eno tse di mo Baebeleng. [Bala Lefitiko 19:31.] Batho ba bangwe ga ba dumele gore go na le meya e e nang le maatla a a fetang a tlholego mme ba tsaya go keteka Halloween e le go itlosa bodutu fela mo go seng kotsi. Wena o akanyang ka holitei eno? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa dilo tse di sa siamang tse Halloween e simologileng mo go tsone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela