Thulaganyo ya Beke ya September 2
BEKE E E SIMOLOLANG KA SEPTEMBER 2
Pina 47 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 13 ¶20-26 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 1 Bakorintha 1-9 (10 mets.)
No. 1: 1 Bakorintha 4:18–5:13 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: A Boikutlo jo bo Akabatsang Jwa go Tlwaelana le Maemo a Masha le Mafelo bo Supa go Tsalwa ka Mmele o Mosha go le Boammaaruri?—rs ts. 179 ¶2–ts. 181 ¶2 (5 mets.)
No. 3: Kafa Bakeresete ba ka Nnang le Boipelo ka Teng Le fa Ba Lebane le Bolwetse—Bafil. 4:6, 7 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Dimakasine ka September. Motlotlo. Dirisa metsotswana e le 30 go ya go e le 60 go bontsha kafa dimakasine di ka ngokang kgatlhego ka teng mo tshimong ya lona. Go tswa foo, kopa bareetsi gore ba akantshe potso e ba ka e botsang e e ka tsosang kgatlhego ba dirisa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tora ya Tebelo. Morago ga moo, ba kope gore ba akantshe temana e ba ka e balang. Dira se se tshwanang le ka makasine wa Tsogang! mme fa nako e letla dira jalo le ka setlhogo se sengwe gape go tswa mo go nngwe ya dimakasine tseno. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
10 mets: Etsa Sekao sa ga Barenabase. Motlotlo. Kopa bareetsi gore ba akgele malebana le kafa go etsa sekao sa ga Barenabase go ka re thusang ka teng mo tirong ya go rera.
Pina 65 le Thapelo