Thulaganyo ya Beke ya August 12
BEKE E E SIMOLOLANG KA AUGUST 12
Pina 112 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 13 ¶1-7 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Baroma 5-8 (10 mets.)
No. 1: Baroma 6:21–7:12 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Ke ka Ntlha Yang fa Bakeresete Bangwe ba Tseelwa Legodimong go Nna le Keresete?—rs ts. 171 ¶4–ts. 172 ¶4 (5 mets.)
No. 3: Lebaka La go Bo go Baya Dithoto Kwa Pele ga Dilo Tsa Semoya go Gogela Kwa Kotsing—Math. 6:33; 1 Tim. 6:10 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: “Lefoko la Modimo le Tswela Mosola mo go Ruteng.” Dipotso le dikarabo. Itsise letlha la kopano ya potologo fa lo le itse.
10 mets: Kafa Aotlelaene E ka Re Thusang ka Teng mo Bodireding. Motlotlo o o theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 166, serapa 5 go ya go tsebe 168, serapa 1. O dirisa kgatiso e e tsamaisiwang mo kgweding eno, dira gore go dirwe pontsho ya mmoledi a bua a le esi a dirisa metsotso e se kae pele a ya bodireding go itirela aotlelaene mo mogopolong, ya se a tla se buang kwa bodireding.
10 mets: Re Ithuta Eng? Motlotlo. Dira gore go balwe Ditiro 8:26-31. Sekasekang kafa pego eno e ka re thusang ka gone mo bodireding jwa tshimo.
Pina 61 le Thapelo