Lefoko la Modimo le Tswela Mosola mo go Ruteng
1. Setlhogo sa kopano ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2014 sa reng, mme thulaganyo eno e tla araba potso efe?
1 “Motlhatlheledi [wa rona] yo Mogolo” e bong Jehofa, ke morutisi yo o molemo go gaisa mo lobopong. (Isa. 30:20, 21) Mme gone Jehofa o re tlhatlhelela jang? O re neile buka e e di gaisang tsotlhe—Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele. Thuto ya Modimo e ka re solegela molemo jang mo mmeleng, mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo semoyeng? Karabo ya potso eno e tla sekasekwa mo thulaganyong ya kopano ya rona ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2014. Setlhogo sa thulaganyo eno se se reng “Lefoko la Modimo le Tswela Mosola mo go Ruteng,” se theilwe mo go 2 Timotheo 3:16.
2. Dintlha tsa konokono di tla tlhalosiwa ke dikarabo tsa dipotso dife?
2 Batla Dintlha Tseno Tsa Konokono: Dintlha tsa konokono tsa thulaganyo di tla tlhalosiwa ke dikarabo tsa dipotso tse di latelang:
• Thuto ya Modimo e ama matshelo a rona jang? (Isa. 48:17, 18)
• Fa re leka go fetola maemo a rona gore re kgone go direla Jehofa ka nako e e tletseng, re ka tlhomamisega ke eng? (Mal. 3:10)
• Re tshwanetse go tsiboga jang fa re lebana le ‘dithuto tse di sa tlwaelegang’? (Baheb. 13:9)
• Re ka etsa ‘tsela ya go ruta’ ya ga Jesu jang? (Math. 7:28, 29)
• Ke ka ntlha yang fa barutisi mo phuthegong ba tshwanetse go ithuta? (Bar. 2:21)
• Lefoko la Modimo le tswela mosola mo go eng? (2 Tim. 3:16)
• Batho ba amiwa jang ke ‘go reketlisiwa’ ga ditšhaba? (Hag. 2:6, 7)
• Jehofa o tshepa gore re tla dira eng? (Baef. 5:1)
• Ke eng fa re tshwanetse go dira ka natla gore re nne re le mo thutong ya ga Jehofa? (Luke 13:24)
3. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne gone kwa kopanong re bo re reetse ka kelotlhoko thulaganyo eno e e tlileng ka nako?
3 Pelenyana ga fa Paulo a kwala mafoko a setlhogo sa thulaganyo eno se theilweng mo go one, o ne a tlhalosa dinako tsa mathata tse di neng di tla supa metlha ya bofelo mo go 2 Timotheo kgaolo 3. O ne a kwala jaana: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.” (2 Tim. 3:13) E le gore re se ka ra tsiediwa, a bo go le botlhokwa jang ne gore re reetse le go dirisa thuto ya Modimo! Ka jalo, a re ikemisetseng go nna gone kwa kopanong le go reetsa ka kelotlhoko thulaganyo eno e e tlileng ka nako.