Ditsela Tse Disha Tsa go Neela Bosupi Phatlalatsa
1. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba re tlhometse sekao sefe?
1 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa rere ka ntlo le ntlo fela. Gape ba ne ba rera phatlalatsa. (Dit. 20:20) Ka sekai, ba ne ba ya kwa tempeleng kwa ba neng ba itse gore ba tlile go fitlhela batho ba le bantsi gone. (Dit. 5:42) Fa Moaposetoloi Paulo a ne a le kwa Athena, letsatsi le letsatsi o ne a rerela batho ba ba kwa marekisetsong. (Dit. 17:17) Gompieno, tsela e re e dirisang thata ya go rera dikgang tse di molemo ke ya bodiredi jwa ntlo le ntlo. Le fa go ntse jalo, gape re ya kwa mafelong a go phaka dikoloi, a dikgwebo, diparakeng, mafelo a a tlhanaselang le mafelo a mangwe e le gore re rerele batho gongwe le gongwe kwa re ka ba fitlhelang teng. Le fa mmoledi mongwe le mongwe a kgothalediwa go nna le seabe mo bodireding jwa go neela bosupi phatlalatsa kwa go kgonegang gone, ba le bantsi ba tlile go nna le tshono ya go nna le seabe mo ditseleng tse pedi tse disha tse di itumedisang tsa go neela bosupi phatlalatsa.
2. Ke tsela efe ya go neela bosupi e e simolotseng ka November 2011?
2 Go Neela Bosupi jo bo Kgethegileng Jwa Phatlalatsa Kwa Ditoropong Tse Dikgolo: Jaaka go begilwe mo tsebe 16 le 17 ya Buka ya Ngwaga ya 2013, tsela eno ya go neela bosupi phatlalatsa e simolotse kwa New York City ka November 2011. Ditafole le dikolotsana tse di beilweng dikgatiso tse di ngokang tsa dipuo di le mmalwa, di ne tsa bewa mo mafelong a toropo a go fetang batho ba le bantsi mo go one. Letsatsi le letsatsi, go feta batho ba le dikete, go akaretsa ba le bantsi ba ba nnang mo mafelong a Basupi ba sa kgoneng go tsena kgotsa a ba sa letlelelwang go tsena mo go one le batho ba gantsi ba seyong mo magaeng a bone. Batho ba le bantsi ba ne ba kgatlhegela dikgatiso tsa rona. Mo kgweding nngwe bosheng jaana, go ne ga tsamaisiwa dimakasine di le 3 797 le dibuka di le 7 986. Batho ba le bantsi ba ba neng ba feta ba ne ba kopa go tshwarelwa thuto ya Baebele. E re ka boikaelelo jo bogolo e ne e le go simolola dithuto tsa Baebele, diaterese tsa batho ba ba neng ba bontsha kgatlhego di ne tsa romelwa ka bonako kwa diphuthegong tse di tshwanetseng gore batho ba ba kgatlhegang ba etelwe kwa magaeng a bone.
3. Tsela eno ya go neela bosupi e ile ya anama jang?
3 Tsela eno ya go neela bosupi e nnile le melemo e megolo mo e leng gore gone jaanong e setse e anametse mo lefatsheng lotlhe mo ditoropong tse di nang le batho ba le bantsi. Ofisi ya lekala ya mo lefelong leo, e tla bontsha gore ke ditoropo dife tse di ka nnang le matswela. Gantsi ditoropo tseno ke tse di nang le mafelo a dipalangwa kgotsa tse di nang le diofisi tse di dirisiwang thata kgotsa difolete, mo batho ba le bantsi ba tsamayang ka dinao gone. Morago ga moo, ofisi ya lekala e tla romelela diphuthego tse di tla nnang le seabe makwalo le go di naya ditaelo tse di oketsegileng. Gantsi go dirisiwa babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng, le fa mo mafelong mangwe babulatsela ba ba thusang le bone ba nna le seabe mo tirong eno.
4. Go neela bosupi jo bo kgethegileng jwa phatlalatsa kwa ditoropong tse dikgolo go dirwa jang?
4 Kafa Bosupi bo Neelwang ka Teng: Gantsi batho ba ba nnang le seabe mo go neeleng bosupi jo bo kgethegileng jwa phatlalatsa kwa ditoropong tse dikgolo ba emela mongwe gore a tle mo tafoleng kgotsa fa kolotsaneng e e beilweng dikgatiso. Fa mongwe a atamela, o kopiwa go ka itseela kgatiso epe fela e e mo kgatlhang. Babulatsela ba itumelela go araba dipotso dipe fela tse a ka tswang a na le tsone ba dirisa Baebele. Fa a tsaya kgatiso, babulatsela ga ba umake thulaganyo ya moneelo. Mme fa a botsa gore tiro ya rona e duelelwa jang, ba ka mo tlhalosetsa gore a ka romelela meneelo mo atereseng e e mo kgatisong. Fa go kgonega, ba ka botsa jaana: “A o ka rata go etelwa ke mongwe kwa legaeng la gago?” kgotsa “A o ne o itse gore re ithuta Baebele le batho mahala?”
5. Go nna le seabe mo tseleng eno e ntšha ya go neela bosupi go solegetse banyalani bangwe molemo jang?
5 Go nna le seabe mo go neeleng bosupi ka tsela eno go nnile le melemo e megolo. Banyalani bangwe ba ne ba kwala jaana: “Go ema fa tafoleng le go bona batho ba le dikete ba ntse ba feta letsatsi le letsatsi go re lemotshitse tiro e kgolo e e ntseng e dirwa ya go fitlhelela batho mo lefatsheng lotlhe. Go bona batho ba bantsintsi bano le go akanya kafa ruri Jehofa a amegang ka motho mongwe le mongwe ka teng, go nonotshitse boikemisetso jwa rona jwa go tswelela re dira gore tiro ya go rera e nne yone e tlang pele mo matshelong a rona. Re akanya ka Jehofa a tlhatlhoba dipelo tsa batho botlhe ba ba fetang fa tafoleng, a batla ba ba tshwanelegang. Re ikutlwa re atamalane thata le badirimmogo le rona ba baengele.”
6. (a) Ke tsela efe e nngwe ya go neela bosupi phatlalatsa e e ileng ya rulaganngwa mo diphuthegong tse dintsi, mme e farologana jang le ya go neela bosupi jo bo kgethegileng kwa ditoropong tse dikgolo? (b) Diphuthego di ka dirisana mmogo jang fa di nna le seabe mo go neeleng bosupi phatlalatsa?
6 Go Neela Bosupi Phatlalatsa jo bo Rulagantsweng mo Lefelong la Lona: Mo godimo ga go neela bosupi jo bo kgethegileng phatlalatsa kwa ditoropong tse dikgolo, tsela e nngwe e ntšha ya go neela bosupi e ile ya rulaganngwa ke ditlhopha tse dintsi tsa bagolwane mo tshimong ya mafelo a bone. Ka tsela eno ya go neela bosupi, baboledi ba baya tafole kgotsa kolotsana e e beilweng dikgatiso mo lefelong le go fetang batho ba le bantsi mo go lone, mo tshimong ya phuthego ya bone fela. Tsela eno e farologane le ya go neela bosupi jo bo kgethegileng kwa ditoropong tse dikgolo, kwa baboledi ba ba tswang mo diphuthegong tse di farologaneng ba rerang mo mafelong a le mangwe a go fetang batho ba le bantsi mo go one a ditoropo tse di tlhophilweng ke ofisi ya lekala.—Bona lebokoso le le reng “Go Tlhokega Tirisanommogo e e Molemo.”
7. Fa go kgonega, bagolwane ba ka rulaganya jang gore go neelwe bosupi phatlalatsa mo lefelong la lona?
7 Bagolwane ba tla sekaseka gore a tshimo ya phuthego e na le mafelo a batho ba fetang ba le bantsi mo go one le go bona gore a go ka kgonega go rulaganya gore go neelwe bosupi phatlalatsa gone. Mafelo a go ka bewang ditafole kgotsa dikolotsana tse di beilweng dikgatiso mo go one a ka akaretsa mafelo a dipalangwa, mabala a magolo a go fetang batho mo go one, diparaka, mebila e e tlhanaselang, dimmolo, dikholetšhe, boemafofane le mafelo a go tshwarelwang ditiragalo tsa ngwaga le ngwaga kwa go one. Go na le molemo wa go baya tafole mo lefelong le lengwe, ka malatsi a a tshwanang le ka dinako tse di tshwanang. Go lemogilwe gore fa go bewa ditafole mo dimmolong go na le melemo e mentsi go na le fa di bewa fa pele ga lebenkele le le lengwe le legolo kwa batho ba tlhomang mogopolo fela mo go se ba tlileng go se batla mo lebenkeleng leo. Mo mafelong mangwe, jaaka mo ditselaneng tse di tlhanaselang, go ka nna molemo go baya dikolotsana tse di bewang dikgatiso gone. Bagolwane ba ka itseela ditshwantsho tse di kgethegileng tsa go bontsha dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! le buka ya Baebele e Ruta Eng? mo atereseng ya Internet ya www.jw.org. Ditshwantsho tseno di rulaganyeditswe go dirisiwa mo mofuteng ono wa go neela bosupi phatlalatsa. Batho ba ba nnang le seabe ba tla dira mo go oketsegileng go tshwana fela le kafa ba ba neelang bosupi jo bo kgethegileng phatlalatsa kwa ditoropong tse dikgolo ba dirang ka teng, mme ba tshwanetse go dira fela jaaka molebedi wa tirelo a ba laetse. Fa motho yo o bontshang kgatlhego yo o sa nneng mo lefelong la tshimo ya bone a ba naya aterese, ba tshwanetse go tlatsa foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) ka bonako ba bo ba e naya mokwaledi.
8. Fa go se na dithulaganyo tsa go neela bosupi phatlalatsa mo phuthegong ya lona, ke ditshono dife tse di ka tswang di le teng tsa go neela bosupi phatlalatsa?
8 Go Neela Bosupi Phatlalatsa mo Tirelong ya Gago ya Tshimo: Diphuthego dingwe di ka tswa di se na tshimo e e nang le lefelo le go fetang batho ba bantsi le go ka bewang tafole kgotsa kolotsana e e bayang dikgatiso mo lone. Le fa go ntse jalo, le e leng mo diphuthegong tseno, baboledi ba kgothalediwa gore ba akanyetse go akaretsa go neela bosupi jwa phatlalatsa mo tirelong ya bone. A go na le lefelo la mabenkele kgotsa lebenkele le le tlhanaselang mo tshimong ya lona? A go na le paraka kgotsa lefelo le batho ba kopanang mo go lone? A go na le mafelo a gantsi go tshwarelwang ditiragalo tsa morafe kwa go one mo tshimong lona? Fa go le jalo, lo sa ntse lo ka kgona go neela bosupi phatlalatsa.
9. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna podimatseba gore re rerele batho gongwe le gongwe kwa re ba fitlhelang teng?
9 Ke thato ya ga Jehofa gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Ka jalo, re leka go fitlhelela batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka teng ka molaetsa wa Bogosi pele ga bokhutlo bo tla. (Math. 24:14) Mo mafelong a le mantsi, go thata go fitlhela batho kwa magaeng a bone. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go buisana le bone fa ba se kwa gae ka tsela ya go neela bosupi phatlalatsa. Go neela bosupi phatlalatsa e ka nna yone tsela e le yosi e batho bangwe ba tla bonang tshono ya go utlwa dikgang tse di molemo. Ka jalo, e kete re ka wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo ka go rerela batho gongwe le gongwe kwa re ba fitlhelang teng.—2 Tim. 4:5.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]
Go Tlhokega Tirisanommogo e e Molemo
Go ile ga begwa gore ka dinako dingwe baboledi ba diphuthego tse di mabapi ba nna le seabe mo go neeleng bosupi phatlalatsa mo seterateng se le sengwe, mo mafelong a go phaka dikoloi le fa pele ga mafelo a kgwebo kgotsa mafelo a dipalangwa a le mangwe. Baboledi ba ba tswang mo diphuthegong tse di farologaneng ba ile ba tlogela dimakasine mo lefelong le le tshwanang la kamogelo ya baeng, kamore e go letiwang mo go yone kgotsa mo lefelong la botlhatswetso e bile ba ile ba neela bosupi mo mafelong a dikgwebo a le mangwe. Seno se ile sa dira gore batho ba dikgwebo le baagi ba ba gaufi ba kgopisege, le fa baboledi ba sa rere ka nako e e tshwanang. Ka jalo, gantsi go molemo gore fa lo neela bosupi phatlalatsa lo bo neele fela mo tshimong e phuthego ya lona e e abetsweng.
Fa baboledi ba rata go ka neela bosupi phatlalatsa mo tshimong ya phuthego e e gaufi, ba tshwanetse go buisana pele le molebedi wa tirelo. Ene a ka nna a ikgolaganya le molebedi wa tirelo wa phuthego eo gore a ba neye tetla, pele ga baboledi ba ka neela bosupi. Fa go na le diphuthego tsa dipuo tse di farologaneng tse di abetsweng go rera mo lefelong le le tshwanang, balebedi ba tirelo ba diphuthego tseo ba tshwanetse go buisana e le gore ba se ka ba kgopisa batho ba ba nnang gaufi go sa tlhokege. Fa go na le tirisanommogo e e molemo, dilo tsotlhe di ka diragala ka “mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—1 Bakor. 14:40.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
[Setshwantsho mo go tsebe 6]