Mofuta o Mosha Le o O Itumedisang wa go Rera Phatlalatsa
1. Diphuthego tse di nang le mafelo a batho ba bantsi ba fetang mo go one di ile tsa kgothalediwa go dira eng?
1 Diphuthego tse di nang le mafelo a batho ba bantsi ba fetang mo go one di ile tsa kgothalediwa go rera phatlalatsa di dirisa ditafole kgotsa dikolotsana tsa dikgatiso. Fa go dirisiwa kolotsana ya dikgatiso, mmoledi a le mongwe o tla ema kgotsa a nna go bapa le yone. Mme mo tafoleng ya dikgatiso, go tshwanetse ga nna le baboledi ba babedi. Ba ba abetsweng go nna moo, ba tshwanetse go lwela go nna botsalano. Fa motho a atamela, mongwe wa baboledi a ka simolola motlotlo gongwe ka go botsa jaana, “A o kile wa ipotsa gore Baebele ya reng ka kgang eno?” Mmoledi a le mongwe kgotsa ba babedi ba tshwanetse go nna ba beile ditafole tsa dikgatiso leitlho fa ba ntse ba rera phatlalatsa.
2. Anela maitemogelo a a bontshang botlhokwa jwa go rera phatlalatsa go dirisiwa ditafole le dikolotsana tsa dikgatiso.
2 Mofuta ono o dirile gore go nne le dithuto tse dintsi tse disha tsa Baebele. Moithuti mongwe wa yunibesithi o ne a kwala pego ka Basupi ba ga Jehofa, a bo a batla Holo ya Bogosi mme a se ka a e bona. Mo bekeng e e latelang o ne a bona tafole ya dikgatiso mo yunibesithing. O ne a tshwarelwa thuto ya Baebele, mme gone jaanong moithuti yono ke mmoledi yo o kolobeditsweng yo le ene a dirisang mofuta ono wa go rera.
3. Bangwe ba ikutlwa jang ka mofuta ono wa go rera phatlalatsa?
3 Kgaitsadi mongwe yo o itumeletseng mofuta ono wa go rera phatlalatsa o ne a re: “Bangwe ba tla mo tafoleng go tsaya dimakasine tsa bosheng. Bangwe ga ba ise ba utlwalele gope ka Basupi ba ga Jehofa. Ke lemoga gore mofuta ono o tla dira gore go fitlhelelwe batho ba bantsi.” Kgaitsadi yo mongwe o ne a re “Mofuta ono o mosha wa go rera o a itumedisa ka gonne o dira gore batho ba tle mo go wena fa ba na le kgatlhego.”
4. Goreng go le molemo go baya ditafole kgotsa dikolotsana tsa dikgatiso mo lefelong le le lengwe ka nako e e tshwanang beke le beke?
4 Go molemo go baya ditafole kgotsa dikolotsana tsa dikgatiso mo lefelong le le lengwe, ka malatsi le ka nako e e tshwanang beke le beke. Seno se dira gore batho ba tlwaele go di bona mme kgabagare ba gololesege go atamela gore ba botse dipotso kgotsa ba itseele dikgatiso. A phuthego ya lona e setse e rulagantse go rera phatlalatsa? Fa go le jalo, gongwe o ka nna le seabe mo tirong eno e e atlegang ya go ‘bolela bogosi jwa Modimo gongwe le gongwe.’—Luke 9:60.