Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka May le June: Tsamaisa pampitshana ya A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? kgotsa epe fela e e leng teng mo setokong sa phuthego. Fa motho a bontsha kgatlhego, mmontshe kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng o dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri. July le August: Tsamaisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong, kgotsa boroutšhara bope jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo ka tswang bo le teng mo setokong sa phuthego.