Thulaganyo ya Beke ya June 3
BEKE E E SIMOLOLANG KA JUNE 3
Pina 68 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 10 ¶8-13 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Johane 17-21 (10 mets.)
No. 1: Johane 21:15-25 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Ke ka Ntlha Yang Fa re Sa Tshwanela go “Sala Mmudubudu Morago”?—Ekes. 23:2; Dia. 1:10 (5 mets.)
No. 3: Ke Bomang Ntle le Bakeresete ba ba Tloditsweng ba ba Solegelwang Molemo ke Setlhabelo sa ga Jesu?—rs ts. 395 ¶1-3 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Dimakasine ka June. Motlotlo. Dirisa metsotswana e le 30 go ya go e le 60 go bontsha lebaka la go bo dimakasine di tla ngoka batho mo tshimong ya lona. Go tswa foo, o dirisa setlhogo se se ka fa ntle sa Tora ya Tebelo, kopa bareetsi gore ba akantshe potso e ba ka e botsang e e tsosang kgatlhego mme o bo o ba kopa gore ba akantshe temana e ba ka e balang. Dira se se tshwanang le ka Tsogang! mme fa nako e letla, dira jalo le ka setlhogo se sengwe go tswa mo dimakasineng tseno. Rulaganya gore go dirwe pontsho e e bontshang kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
10 mets: Lebaka La go Bo re Bega Tirelo ya Rona ya Tshimo. Puo e e nelwang ke mokwaledi e e theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe, tsebe 88, serapa 1 go ya go tsebe 90, serapa 1.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
Pina 107 le Thapelo