Dikai Tsa Puisano
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha wa June
“Mo e ka nnang mongwe le mongwe yo re buang le ene o batla go bona go na le kagiso mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le dintwa. O akanya gore ke eng se se dirang gore go nne thata go bona kagiso mo lefatsheng?” Mo letle gore a arabe. Mmontshe tsebe e e kwa morago ga Tora ya Tebelo ya June 1 lo bo lo sekaseka tshedimosetso e e ka fa tlase ga potso ya ntlha mmogo le go bala bobotlana temana e le nngwe ya tse di umakilweng. Mo neye dimakasine o bo o rulaganya go boela kwa go ene gore lo sekaseke potso e e latelang.
Ela tlhoko: Go tshwanetse ga dirwa pontsho ya puisano eno ka nako ya pokano ya tirelo ya tshimo ka June 1.
Tora ya Tebelo June 1
“Re etela batho ka bokhutshwane go bua ka bothata jo bo re amang rotlhe. Batho ba le bantsi ba kile ba tlhaolwa ka nako nngwe. A o akanya gore go na le lefelo lengwe mo lefatsheng le mo go lone go se nang tlhaolele? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kafa Modimo a lebang batho botlhe ka teng. [Bala Ditiro 10:34.] Makasine ono o bontsha kafa Modimo a tla fedisetsang letlhoo ruri ka teng.”
Tsogang! June
“Re ka rata go utlwa maikutlo a gago ka kgang nngwe. Go tlwaelegile go batla botshelo jo bo botoka. A o akanya gore re ka nna le botshelo jo bo botoka ka go reka dithoto tse di oketsegileng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko mafoko ano a a botlhokwa a ga Jesu. [Bala Luke 12:15.] Makasine ono o bontsha kafa re ka lebang dithoto ka tsela e e tekatekano ka teng e bile o neela dikakantsho tse di mosola tsa kafa re ka dirisang madi a rona sentle ka teng.”