Thulaganyo ya Beke ya May 20
BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 20
Pina 70 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 9 ¶14-19 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Johane 8-11 (10 mets.)
No. 1: Johane 8:12-30 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Re ka Latela Dikgato Dife Gore re Itshireletse mo Baruting ba Maaka?—Bar. 16:17; 2 Joh. 9-11 (5 mets.)
No. 3: Ke Goreng Modimo ga Motlhofo Fela A ne A sa Laole Gore Ditlogolwana Tsotlhe Tsa Bone Tse di Neng di Tla Utlwa Modimo di Tshelele Ruri?—rs ts. 393 ¶3–ts. 394 ¶1 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Ditsela Tsa go Oketsa Bodiredi Jwa Gago—Karolo 3. Motlotlo o o theilweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe, tsebe 116, serapa 1, go ya go tsebe 117, serapa 1. Botsolotsa mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba thusang mo Komiting ya Kago ya Kgaolo e e mo lefelong la lona. Ke dilo dife tse ba ileng ba di itumelela ka ntlha ya tshiamelo eno ya tirelo?
10 mets: Jehofa o re Thusa go Diragatsa Dikabelo Tsa Rona. (Ekes. 4:10-12; Bafil. 4:13) Motlotlo o o theilweng mo go Buka ya Ngwaga ya 2013, tsebe 101, serapa 3; le tsebe 111, serapa 3, go ya go tsebe 112, serapa 2. Kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba se ithutileng.
10 mets: “Ke Mang yo o Tla Kgatlhegelang Seno?” Dipotso le dikarabo. Kopa bareetsi gore ba umake dingwe tsa dikgwebo le mekgatlho ya puso e e mo tshimong ya phuthego ya lona e e ka kgatlhegelang setlhogo se se mo dimakasineng tsa rona.
Pina 92 le Thapelo