Ke Eng Se se Re Tlhotlheletsang go Rera?
1. Lorato le bodiredi jwa rona di amana jang?
1 Go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ke tiro e e botlhokwa thata e re ka e dirang gompieno. Ruri, ka tiro eno re bontsha gore re ikobela ditaelo tse pedi tse dikgolo e leng go rata Jehofa le go rata baagelani ba rona. (Mar. 12:29-31) Lorato ke nonofo e e maatla e e ka re tlhotlheletsang go nna badiredi ba ba tlhoafetseng.—1 Joh. 5:3.
2. Go rera ga rona go bontsha jang gore re rata Jehofa?
2 Go Rata Jehofa: E re ka re rata Jehofa, yo e leng Tsala ya rona e e rategang, re tlhotlheletsega go mmuelela. Satane o tsweletse ka go senya Jehofa leina ka dingwaga di ka nna 6 000. (2 Bakor. 4:3, 4) Ka jalo, batho ba dumela gore Modimo o tlhokofatsa baleofi mo molelong wa dihele, gore ke Tharonngwe e e sa tlhaloganyesegeng le gore ga a amege ka batho. E bile ba le bantsi ba sweditse ka gore Modimo ga a yo. Ruri re eletsa gore batho ba itse boammaaruri ka Rraarona yo o kwa legodimong! Matsapa a rona a magolo a re a dirang a go nna basupi ba Modimo, a dira gore Modimo a ipele thata e bile a galefisa Satane.—Dia. 27:11; Baheb. 13:15, 16.
3. Re bontsha jang ka bodiredi jwa rona gore re rata baagelani ba rona?
3 Go Rata Baagelani: Nako le nako fa re rerela mongwe, re bontsha gore re a mo rata. Batho ba tlhoka thata go utlwa dikgang tse di molemo mo dinakong tseno tsa mathata. Ba le bantsi ba tshwana le Baninife ba motlha wa ga Jona ba ba neng ba ‘sa itse pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema.’ (Jona 4:11) Bodiredi jwa rona bo ruta batho kafa ba ka tshelang ba itumetse e bile ba atlegile ka gone. (Isa. 48:17-19) Bo ba naya tsholofelo. (Bar. 15:4) Fa ba reetsa le go dirisa se ba se ithutang, ba “tla bolokwa.”—Bar. 10:13, 14.
4. Ke eng se Jehofa a ka se kang a se lebala?
4 Bana ba ba siameng ga ba bontshe gore ba rata batsadi ba bone fela ka dinako tse di rileng. Ba lwela gore ba ba rate ka dinako tsotlhe. Ka tsela e tshwanang, go rata Modimo le baagelani ba rona ka lorato lo logolo go tla dira gore re nne re ntshitse matlho dinameng gore re neele bosupi ka dinako tsotlhe, e seng fela ka dinako tse di rulagantsweng tsa go rera. Re tla rera re sa kgaotse. (Dit. 5:42) Le ka motlha Jehofa a ka se lebale lorato lo lo ntseng jalo.—Baheb. 6:10.