Thulaganyo ya Beke ya April 1
BEKE E E SIMOLOLANG KA APRIL 1
Pina 38 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 7 ¶7-13 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Luke 7-9 (10 mets.)
No. 1: Luke 7:18-35 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Go ne Ga Tsholwa Setšhaba Sefe se Sesha ka Pentekosete, Mme ka Boikaelelo Bofe?—Bagal. 6:16; 1 Pet. 2:9 (5 mets.)
No. 3: Kaine o Tsere Mosadi wa Gagwe Kae?—w10 9/1 ts. 25 mo boemong jwa rs ts. 159 ¶3-5 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Dimakasine ka April. Motlotlo. Dirisa metsotswana e le 30 go ya go e le 60 go bontsha lebaka la go bo dimakasine di tla ngoka batho mo tshimong ya lona. Go tswa foo, dirisa setlhogo se se ka fa ntle sa Tora ya Tebelo, kopa bareetsi gore ba akantshe potso e ba ka e botsang e e tsosang kgatlhego mme o bo o ba kopa gore ba akantshe temana e ba ka e balang. Dira se se tshwanang le ka Tsogang! mme fa nako e letla, dira jalo le ka setlhogo se sengwe go tswa mo dimakasineng tseno. Rulaganya gore go dirwe pontsho e e bontshang kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
10 mets: Dirisang Buka ya Ngwaga ya 2013. Motlotlo. Sekasekang “Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang.” Rulaganya e sa le gale gore go anelwe maitemogelo mangwe a a kgothatsang go tswa mo go Buka ya Ngwaga. Kopa bareetsi gore ba akgele ka dikarolo tse di tlhomologileng tsa pego ya lefatshe lotlhe. Konela ka go kgothaletsa botlhe gore ba fetse go bala Buka ya Ngwaga.
Pina 75 le Thapelo