LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/13 ts. 8
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
km 3/13 ts. 8

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka March le April: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o dira maeto a go boela, buelela buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa fa o bona go tshwanela go ya ka se motho a se kgatlhegelang, o ka mo naya boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri mme o leke go simolola thuto ya Baebele. May le June: Tsamaisa pampitshana ya A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? kgotsa epe fela e e leng teng mo setokong sa phuthego. Fa motho a bontsha kgatlhego, mmontshe kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng o dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri.

◼ Segopotso se tla tshwarwa ka Labobedi March 26, 2013. Fa e le gore dipokano tsa lona di tshwarwa ka Labobedi, di tshwanetse go tshwarwa ka letsatsi le lengwe mo bekeng fa Holo ya lona ya Bogosi e sa dirisiwe. Fa go sa kgonege gore Pokano ya Tirelo e tshwarwe, morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane a ka dira diphetogo mo thulaganyong gore dipuo tse dingwe tse di amang phuthego ya lona di neelwe mo pokanong nngwe mo kgweding. Diphuthego tse tla bong di etetswe ke molebedi wa potologo di tshwanetse go rulaganya nako e nngwe ya dipokano tse gantsi di tshwarwang ka maitseboa a Labobedi gore di tshwarwe ka letsatsi le lengwe mo bekeng eo. Bagolwane ba tshwanetse go rulaganya go etela baboledi botlhe ba ba tsidifetseng jaaka go tlhalositswe mo lekwalong la May 23, 2010, le le kwaletsweng ditlhopha tsotlhe tsa bagolwane.

◼ Diphuthego di le tharo di ile tsa itumelela go neela Diholo tsa tsone tsa Bogosi mo go Jehofa. Eastern Cape: Ethembeni, Fair Field. Gauteng: Northcliff.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela