Thulaganyo ya Beke ya June 4
BEKE E E SIMOLOLANG KA JUNE 4
Pina 103 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
bt kgao. 21 ¶14-22 (25 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Jeremia 51-52 (10 mets.)
No. 1: Jeremia 52:17-27 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: A go Tshwanetse go Fetisa Dithapelo ka Marea Jaaka Morapeledi?—rs ts. 266 ¶1-2 (5 mets.)
No. 3: Batho ba ka Tsena Jang mo “Lefelong la Sephiri” la ga Jehofa?—Pes. 91:1, 2, 9 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
5 mets: Dikitsiso.
10 mets: Kafa o ka Fitlhelelang Pelo ka Gone—Karolo 2. Motlotlo o o theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 261, serapa 2, go fitlha kwa bofelong jwa tsebe 262.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
10 mets: Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Dimakasine ka June. Motlotlo. Dirisa motsotso o le mongwe kgotsa e le mebedi go tlotla ka ditlhogo di se kae tse di ka kgatlhang batho mo tshimong ya lona. Go tswa foo, o dirisa motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tora ya Tebelo, kopa bareetsi gore ba akantshe potso e ba ka e botsang e e tsosang kgatlhego mme o bo o ba kopa gore ba akantshe temana e ba ka e balang. Dira se se tshwanang le ka motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tsogang! mme fa nako e letla dira jalo le ka setlhogo se sengwe gape go tswa mo go nngwe ya dimakasine tseno. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
Pina 61 le Thapelo