Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka May: Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Totatota Baebele e Ruta Eng? July le August: O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? Kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo leng teng mo setokong sa phuthego. September le October: Makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o dira maeto a go boela buelela buka ya Baebele e Ruta Eng kgotsa fa bona go tshwanela go ya ka se motho a se kgatlhegelang, o ka mo naya boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri.
◼ Re itumelela go lo itsise gore bosheng jaana diphuthego di le 14 di neetse Diholo Tsa Bogosi go Jehofa. Eastern Cape: Viedgesville le Zimbane. Free State: Vrede. Gauteng: Bluegum View North, Majaneng West le Winterveldt Central. Limpopo: Chuene-Makata, Mbokota le Nwamitwa. Mpumalanga: Tsimanyane. North West: Jouberton East. Western Cape: Sea Point. Namibia: Hoachanas le Keetmanshoop.
◼ Go tlhokega badiri ba ba oketsegileng ka bonako mo lekaleng. Re kgothaletsa segolobogolo bakaulengwe ba ba sa nyalang go ikwadisetsa tirelo ya Bethele. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ka tswang ba na le dingwaga tse di fetang 35 go se kae e bile ba ithutetse ditiro dingwe le bone ba ka ikwadisa.