Thulaganyo ya Beke ya April 11
BEKE E E SIMOLOLANG KA APRIL 11
Pina 44 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
bt kgao. 2 ¶8-15 (25 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Jobe 21-27 (10 mets.)
No. 1: Jobe 25:1–26:14 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Lebaka La go Bo Sefapaano se sa Tshwanela go Dirisiwa mo Kobamelong (5 mets.)
No. 3: A Jesu Keresete e Ntse ke Ene Mikaele Moengele yo Mogolo?—rs ts. 205 ¶4–ts. 206 ¶2 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
5 mets: Dikitsiso. Itsise phuthego ka kgatelopele e e dirilweng mo letsholong la go laletsa batho go tla Segopotsong. Gakolola phuthego ka dithulaganyo tse di setseng tsa letsholo la tshimo e e sa abiwang.
15 mets: Jala Peo ya Gago Mme O se Ka wa Letla Seatla sa Gago se Ikhutsa. (Mor. 11:6) Motlotlo o o theilweng mo 2011 Yearbook, tsebe 170, serapa 2 go ya go tsebe 173, serapa 4. Fa o sena go tlotla ka maitemogelo mangwe le mangwe, kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba se ithutileng.
15 mets: “Go Tla Neelwa Bosupi jo bo Maatla.” Dipotso le dikarabo.
Pina 8 le Thapelo