LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/11 ts. 1
  • Go Tla Neelwa Bosupi jo bo Maatla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tla Neelwa Bosupi jo bo Maatla
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Amogeleng!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Re ka Thusa Jang Batho ba ba Tlileng Segopotsong?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Amogela Baeng ba Rona
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Dirang Gore ba Ikutlwe ba Amogetswe kwa Segopotsong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 4/11 ts. 1

Go Tla Neelwa Bosupi jo bo Maatla

1. Kwantle ga puo, ke eng gape se se ka kgatlhang baeng kwa Segopotsong? Tlhalosa.

1 Leng? Ka maitseboa a Segopotso. Go dirilwe maiteko a magolo go laletsa batho gore ba tle go kopanela le rona. Baeng ba ka se kgatlhiwe fela ke se ba tla se utlwang. Fa mosadi mongwe a tswa kwa Segopotsong, o ne a akgela segolobogolo ka se a se boneng—botsalano jwa mongwe le mongwe le kago e ntle, e e phepa e e neng e agilwe ya ba ya tlhokomelwa ke baithaopi. Ka jalo, rotlhe, e seng sebui fela, re tla nna le seabe mo go neeleng bosupi mo tiragalong e e botlhokwa eno mo ngwageng.—Baef. 4:16.

2. Mongwe le mongwe wa rona a ka neela baeng bosupi jang?

2 Dumedisa Baeng ka Lorato: Monyenyo wa rona o o lorato mmogo le go dumedisa baeng ka boitumelo go tla neela bosupi. (Joh. 13:35) Tota le fa o sa kgone go bua le mongwe le mongwe, o sa ntse o ka kgona go ikitsise mo bathong ba ba dutseng gaufi le wena. (Baheb. 13:1, 2) Ela tlhoko baeng ba go lebegang ba sa itse ope. Go ka direga gore ba ile ba lalediwa ka nako ya letsholo. O ka nna wa ba botsa gore, “A ke la ntlha o tla fano?” Ba kope gore ba tle go dula le wena mme o ithaopele go araba dipotso dipe tse ba ka tswang ba na le tsone. Fa e le gore phuthego ya lona e tshwanetse go tswa ka bonako gore phuthego e nngwe e kgone go dirisa holo, o ka nna wa re: “Nka rata go itse gore o akanya eng ka thulaganyo eno. A go na le tsela e nka ikgolaganyang le wena ka yone?”

3. Re ka amogela jang batho ba ba tsidifetseng?

3 Amogela Batho ba ba Tsidifetseng: Ga go na pelaelo gore batho ba ba tsidifetseng ba tla bo ba le gone, go akaretsa le ba ba kopanelang fela le phuthego ka nako ya Segopotso sa ngwaga le ngwaga. Ba amogele mme o ba bolelele gore ruri o itumelela go ba bona. (Bar. 15:7) Bagolwane ba ka nna ba ya kwa magaeng a bone ka bonako morago ga Segopotso go ya go ba kgothaletsa gore ba tswelele pele ba kopanela le phuthego. Re rapela gore batho ba le bantsi ba ba tla nnang teng ba tlhotlheletsege go galaletsa Modimo e seng fela ka ntlha ya se ba se utlwileng mme gape le ka ntlha ya se ba se boneng ‘ka ntlha ya ditiro tsa rona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.’—1 Pet. 2:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela