Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo December 1
“A o dumalana le gore batsadi ba ba se nang balekane gantsi ba go fitlhela go le thata go feta batsadi ba ba leng mo lenyalong? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e re kgothaletsa gore re akanyetse batho ba ba lebanang le dikgwetlho. [Bala Pesalema 41:1.] Setlhogo se se simololang mo tsebe 22 se tlhalosa kafa re ka bontshang gore re akanyetsa batsadi ba ba se nang balekane ka gone.”
Tsogang! December
“Batho ba le bantsi ba ile ba botsa jaana: ‘Fa e le gore go na le Modimo, ke eng fa a sa fedise Diabolo?’ A o kile wa ipotsa jalo? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se se mo tsebe 10 le 11 se araba potso eo go tswa mo Baebeleng. Gape se re tlhalosetsa gore lefatshe le tla bo le ntse jang fa Diabolo a sa tlhole a le gone.” Bala Tshenolo 21:3, 4.
Tora ya Tebelo January 1
“Batho ba le bantsi ba dumela gore tshimo ya Edene ke tlhamane. A o tla gakgamala fa o ka utlwa gore Jesu o ile a bua ka Adame le Efa e le batho ba mmatota? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala Mathaio 19:4-6.] Makasine ono o araba dipotso tse gantsi di bodiwang malebana le tshimo ya Edene.”
Tsogang! January
Mmontshe tsebe e e ka fa ntle mme o bo o botsa jaana: “O ka araba jang potso eno? [Mo letle gore a arabe.] Dikwalo di kgothaletsa batho gore ba rate kagiso. [Bala Jakobe 3:17.] Ka jalo, ke ka ntlha yang fa bodumedi bo ise bo kopanye batho? A bodumedi bo tla tsamaya bo rotloetsa kagiso? Makasine ono o sekaseka dikarabo tsa dipotso tseo.”