Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Ka kgwedi ya July dinaga tse di romelang dipego tsa tsone mo lekaleng la Afrika Borwa di dirile sentle thata. Botswana e ile ya nna le tlhora e e tlhomologileng ya baboledi ba le 1 924 le babulatsela ba ka metlha ba le 147. Namibia e ile ya bega tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 805 mme ga tshwarwa tlhora e ntšha e e tlhomologileng ya dithuto tsa Baebele di le 3 353. Swaziland e ile ya fitlhelela tlhora e ntšha ya baboledi ba le 2 793 (e leng tlhora ya bone ya boraro e ntšha mo ngwageng ono wa tirelo) mme ba nna le tlhora e ntšha ya dithuto tsa Baebele di le 4 058. Bakaulengwe ba kwa setlhaketlhakeng se sennye se se kwa thoko sa St Helena ba ntse ba boloka bothokgami le tlhagafalo ya bone: Baboledi ba le 108 ba nnile le seabe mo tirong ya go rera mme ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 61 mo tshimong ya bone e nnye le e e berekilweng ka botlalo.