Dikitsiso
◼ December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Fa go na le bana mo lelapeng go ka nna ga tsamaisiwa buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. January: Totatota Baebele e Ruta Eng? February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March: Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ Segopotso sa ngwaga wa 2012 se tla tshwarwa ka Labone, April 5, fa letsatsi le sena go phirima.
◼ Letsholo la tshimo e e sa abiwang la ngwaga wa 2011 le tla bo lo le ka dikgwedi tsa March, April le May. Re kgothaletsa diphuthego go dira dithulaganyo tsa bofelo go tlhomamisa gore di nna le letsholo le le atlegileng.
◼ Bosheng jaana diphuthego di le tlhano di ile tsa itumelela go neela Diholo tsa Bogosi tse disha: Gaborone Village (Botswana), Nyakallong (Free State), Amanzimtoti West (KwaZulu-Natal), Folweni East le Mpusheni (gaufi le Isipingo).