Thulaganyo ya Beke ya November 23
BEKE E E SIMOLOLANG KA NOVEMBER 23
Pina 175
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
lv kgao. 13 ¶1-4, mabokoso a a mo ts. 148-149, 158-159
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Duteronome 28-31
No. 1: Duteronome 30:1-14
No. 2: Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Bereka (lr kgao. 42)
No. 3: Tsholofelo ya Dikwalo ya “Boidiidi jo Bogolo” ke Eng? (rs ts. 233 ¶2–4.)
□ Pokano ya Tirelo:
Pina 206
5 mets: Dikitsiso.
5 mets: Ipaakanyetse go Aba Tora ya Tebelo le Tsogang! Akantsha gore ke ditlhogo dife tse di ka kgatlhang batho thata mo tshimong ya lona. Dira gore go dirwe pontsho e e bontshang kafa mmoledi yo o nang le maitemogelo a ka thusang mmoledi yo mosha ka teng go baakanyetsa tiro ya dimakasine.
25 mets: “Go Simolola Tshimo ya Puo e Sele.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Morago ga go sekaseka serapa 4, dira gore mmoledi a dire pontsho e e bontshang kafa re ka simololang motlotlo ka teng ka go dirisa kakantsho e e bontshitsweng. Tshimo ya puo e sele e akaretsa batho ba ba buang dipuo tsa lefelo la lona tse di sa tlwaelegang thata mo tshimong ya lona.
Pina 165