LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/09 ts. 2
  • “Tukang mo Moyeng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tukang mo Moyeng”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Tshwanetse go Ipoloka re Tlhagafetse mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Mo Pakeng Eno ya Segopotso, a o Tla Etsa Tlhoafalo ya ga Jehofa Le ya Ga Jesu?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Nna o Tlhagafaletse Bodiredi Jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Bua Dikgang Tse di Molemo ka Tlhagafalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 11/09 ts. 2

“Tukang mo Moyeng”

1. Ke nonofo efe e re tshwanetseng go nna le yone mo tirong ya rona ya go rera?

1 Ga go na karolo epe ya tirelo ya rona ya Bokeresete e e tshwanetseng go nna fela e sa tswelele pele. Go na le moo, re kgothalediwa go ‘tuka mo moyeng’ le go ‘nna batlhanka ba ga Jehofa.’ (Bar. 12:11) Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dintsi tse di ka fedisang tlhoafalo ya rona mo bodireding. Re ka ‘kgotletsa jaaka molelo’ jang tlhoafalo le matlhagatlhaga a rona mo tirelong ya Bogosi?—2 Tim. 1:6, 7.

2. Go ithuta Baebele o le nosi le go tlhoafala mo bodireding go amana jang?

2 Go Ithuta Baebele o le Nosi: Moreri wa Bogosi yo o nang le matswela ke motho yo o ratang molao wa Modimo mme a amiwa thata ke boammaaruri jo a bo fitlhelang mo go one. (Pes. 119: 97) Fa re bona matlotlo a a mo Baebeleng ka nako ya fa re ithuta re le nosi, go ama dipelo tsa rona mme go nonotsha tlhoafalo ya rona. Go rata Motlamedi wa boammaaruri jo bo ntseng jalo le go batla ga rona go bolelela ba bangwe ka dikgang tse di molemo, go re tlhotlheletsa go baka Modimo le go bolela leina la gagwe phatlalatsa. (Baheb. 13:15) Kwantle ga pelaelo, go bolela dikgang tse di molemo ka tlhoafalo go bontsha kafa re anaanelang botlhokwa jwa tsone ka teng.

3. Moya wa Modimo o ka tlhotlheletsa jang bodiredi jwa rona?

3 Rapelela Moya wa Modimo: Re ka se ka ra nna le matswela mo bodireding ka maatla a rona fela. Go nna le tlhoafalo ya mmatota go nna teng fa moya wa Modimo o sa kgoreletsege. (1 Pet. 4:11) Go atamela mo Motsweding wa “maatla a a boitshegang” go tla re naya nonofo ya semoya e e tla re thusang go neela bosupi ka bopelokgale. (Isa. 40:26, 29-31) Fa moaposetoloi Paulo a ne a lebana le kganetso mo bodireding jwa gagwe, o ne a “[bona] thuso e e tswang kwa Modimong.” (Dit. 26:21, 22) Moya o o boitshepo wa ga Jehofa o o re tlhotlheletsang o ka re thusa gore re tuke mo bodireding jwa rona, ka jalo, re tshwanetse go o rapelela.—Luke 11:9-13.

4. Tlhoafalo e ka nna le diphelelo dife tse di molemo, mme le fa go ntse jalo, ke eng se re tshwanetseng go se ela tlhoko?

4 Gantsi fa re nna le tlhoafalo e e tukang mo tirong ya rona ya go rera ka Bogosi, go dira gore Bakeresete ka rona ba tlhoafale le go feta. (2 Bakor. 9:2) Mo tshimong, gantsi batho ba tsibogela molaetsa fa o neelwa ka matlhagatlhaga le ka go tlhatswega pelo. Le fa go ntse jalo, tlhoafalo ka metlha e tshwanetse go tsamaisana le go akanyetsa maikutlo a ba bangwe le go nna bonolo. (Tito 3:2) Ka dinako tsotlhe, re batla go naya mong wa ntlo seriti le go tlotla kgololesego ya gagwe ya go kgona go itlhophela.

5. Ke kgothatso efe e e tlhotlheleditsweng e re tshwanetseng go leka go e dirisa?

5 Jaaka baboledi ba Bogosi, a ka metlha re nneng re ‘tuka mo moyeng.’ A re tlhoafaleleng go ithuta Baebele re le nosi le go rapela Jehofa go tswa pelong, ene yo a ka re nayang moya o o boitshepo o o maatla. Ka tsela eno, re ka kgona go diragatsa bodiredi jwa rona ka tlhoafalo “ka moya o o boitshepo le go tlhatswega pelo.”—1 Bathes. 1:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela